Breaking News

Ofisi ya ga Tautona e aba dikhomputara

17 Nov 2016

Sekole se sebotlana sa Ratholo kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala se abetswe dikhomputara dile tlhano ke Ofisi ya ga Tautona go godisa le go tokafatsa serodumo sa thuto ya motheo go tswa kwa moding.

Mokwaledi yo o o faphegileng kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Mabedi Letsholo, o ne a supa fa go itumedisa go bo go na le tshwaragano e ntle magareng ga botsamaisi, batsadi le baithuto ba sekole seo.

Rre Letsholo a re lefatshe letshela mo dinakong tsa boranyane, ka jalo go botlhokwa go ruta bana gotswa kwa moding ka tsa boranyane.

A re go tla a thusa go tokafatsa maduo bogolo jang ka lefatshe leno le ikgantsha ka gore ‘thuto boswa’.

Se, se raya gore ga gona ope yo oka tsayang thuto ya o mongwe go e itirisetsa.

O ne a supa fa go sa tlhaloganyeng tiriso ya marayane go ka ama maikutlo a ba ba tlhaloganyang.

O file sekai ka sekole sa mmadikole se mo nakong tse difetileng se neng sa simolola go amogela bagolo go ya go ikoketsa dithuto.

E rile a itebaganya le batsadi, Rre Letsholo a re go botlhokwa go lemotsha bana botlhokwa jwa thuto, gore e ba tshetse mo isagong le go ba fa lesedi, botlhale le maano a botshelo.

O ne a gakolola bana gore ba seka ba itewa tsebe ke sepe mme ba ipatlele tsela ya se ba batlang go nna sone.

O ile a kopa botsamaisi ja sekole, batsadi le bana go dirisa didirisiwa tseo ka kelelelo gore di ba solegele molemo.

E rile a ntsha la kgothatso, mogolwane wa thuto ya motheo wa kgaolwana potlana ya Palapye, Rre Otukile Kedikilwe o ne a re tshwaragano ya ba tsa borenyane le ba bobega dikgang e botlhokwa thata mo go tokafatseng dikitso tsa borenyane.

O ne a re go nna teng ga didirisiwa tsa thuto le borenyane go tla a thusa go somarela le go dira dipatlisiso ka nako e e tshwanetseng le gone gonna le mafelo a metlobo ya ditso tsa thuto (DATA BASE) ka nako tsotlhe mo dibala makgolong tsa bone.

A re barutabana ba itshekatsheke gore a mme ba bona ba itekanetse mo lebakeng le go amogela, go somarela le go tlhokomela dibala makgolo tse ba di abetsweng le go ntsha maduo a a nametsang pelo, seo e le sone maikano a bone a ba a rolelang ba ofisi ya ga Tautona.

Fa amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Ratholo, Mme Kabo Kolenyane o ne a supa fa sekole sa gagwe sena le bana bale 461, se akaretsa bananyana ba barutuntshiwang lekwalo la ntlha go ya go ema kwa lekwalong la bosupa, barutabana ba le 16, badirela setshaba ba ferabongwe le badiredi ba bangwe ba supa.

O tlhalositse fa ba dira sentle mo ditlhatlhabong tsa lokwalo lwa bosupa go tswa ka 2012, fa ngwaga o fetileng gone bas a dira sentle, mathata e le go senyega ga machine o o ntsifatsang dipampiri tsa thuto.

Mme fela o ne a lebogela maiteko a ga Rre Ntogelang Mokgachane go tswa kwa go ba Botsalano Press Publishers le Rre Refilwe Peter go tswa kwa ofising ya ga Tautona a lebaganye letsa borenyane, ba baneng ba tsenya letsogo mo go baakanyeng machine wa bone le go ba kopela dibala makgolo.

Mme Kolenyane o ne a re kemo nokeng ya ga Rre Mokgachane ke e e kwa godimo thata le badiri ka ene, a supa fa e rile bosheng a abela sekole sa bone dibuka dile 850 tse didirisiwang ke bana ba ba bakanyediwang lekwalo la ntlha, (Pre-School Pupils).

One gape a supa fa ba ntse ba na ledibala makgolo di le lesome le bongwe, tse ba neng ba di abetswe ke ba lephata la tsa dikgaolo ka nako eo, faele ngwe mo go tsone ene ya abiwa ke Rre Mokgachane.

Mme Kolenyane o ne a kopa gore ba gokelelwa mo mafarathatheng a Internet go dira dipatlisiso le go itshwaraganye le ba bangwe go buisana ka tsa go tlhabolola thuto.

Fa a leboga mo boemong jwa khansele, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Mogorosi Kokoro one a le bogela mpho ya dibala makgolo, a supa fa e le boikarabelo jwa bone e le khansele go tlhokomela dikole tse dipotlana, ka dikago le didirisiwa, mme a re le tsone dibala makgolo tse di leng teng gore ba dibaakanye fa di na le bothata.

O supile fa e le boikarabelo ja bone go gokela mafarathatha a tsa borenyena (Internet) kwa dikolong, mme mathata e le letlhoko la madi, mme a dira boikuelo mo botsading le botlhe ba ba ka kgonang go thusa go dira jalo.

Rre Kokoro a re seo se ka thusa go tokafatsa maduo le dithuto tsa bana, mme a iteela mafoko a ga Rre kedikilwe moroko a re a didirisiwa tseo ditlhokomelwe didirisiwe kafa tshwanelong. BOPA

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Ratholo

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Nov 2016