Breaking News

Khansele e busetsa seemo mannong

17 Nov 2016

Khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau e simolotse thulaganyo ya go phepafatsa tikologo ka go itebaganya le dikgwebo tse di seng ka fa molaong, e bile di leswafatsa tikologo.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane o ne a supa fa ba tsere tshwetso go itepatepanya le go busetsa seemo mo mannong ka go tlhomamisa gore bagwebi ba ba botlana ba obamela melawana ya thekiso.

Mokwaledi wa khansele a re ba tsere tshwetso ya go phepafatsa motse ka go rutlolola dikgwebo tse di seng ka fa molaong, tse di ikadileng mo thoko ga ditsela ka go lemosegile di direla ditiro tsa borukutlhi le gone go leswafatsa tikologo.

Rre Kgabanyane a re go thelesegela ka bokete ga dithaere tseo mo motseng wa Molepolole di tsewa kwa lefelong la matlakala la ga Modubu ka maipato a gore di ya go busediwa mo tirisong, go dira ditilo, go thabolola matshelo a banana segolobogolo go a tshwenya.

A re e re ntswa ba tshwentswe thata ke gore thulaganyo eo, e fapogile se e kabong ele maikaelelo a mantle a go tokafatsa matshelo a batho, ba lemogile gape fa di busediwa mo dikoloing, seemo se seka nnang diphatsa le go feta mo matshelong a bapalami.

O tlhalositse fa jaanong ba tsere tshwetso ya go netefatsa gore dithaere tseo di a busediwa le go tshubiwa kwa lefelong la matlakala.

O tsweletse ka go tlhalosa fa thulaganyo eo e sena go ama fela barekisi ba dithaere, mme e ya go itebaganya gape le bagwebi ba ba botlana ba ba momekgwatheng ba ba rekisang dijo tse di apeelwang mo mekgwatheng le go tlhoma metlaagana ya sennela ruri.

Le fa go ntse jalo, Rre Kgabanyane o tlhagisa bagwebi ba ba botlana go rotloetsega go sala tsamaiso morago ka go ipha sebaka sa go rutlolola metlaagana eo, pele ga letsogo la molao le ba ama mo bekeng etlang.

A re e re ntswa dingwe tsa dikgwebo tseo di dira ntle le diteseletso, ba tshwenngwa segolobogolo ke gore di fetotse seemo sa tebego ya motse ka mekhukhu ya sennela ruri e agilweng mo pele ga mabenkele.

Rre Kgabanyane a re o tlhaloganya ntlha ya gore batho bao ba abo ba leka go dira matshelo, mme a supa botlhokwa jwa go dira jalo ka go obamela melawana ya khansele ya go tsamaisa dikgwebo.

Mogolwane wa mapodisi a Molepolole Superintendent Charles Mbengwa o tlhomamisitse fa ba tshwaraganye le khansele mo maitekong a go kgalema tlolo molao eo, ka go rutlolola dikgwebo tsa bo maipaafela e bile di se ka fa molaong.   BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2016