Mapodisi a tshwenngwa ke leruo mo ditseleng
17 Nov 2016
Mapodisi a Sehithwa a re a tshwenngwa ke dikotsi tsa dikoloi tse gantsi di bakwang ke leruo le le gobeyang mo ditseleng segolo jang tsela e e tswang Maun go ya Kuke.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi a Sehithwa, Superintendent Elias Malope o supile fa leruo le le gobeyang mo tseleng le tsenya bakgweetsi mo kotsing.
Supt Malope a re mo ngwageng ono, go simolola ka kgwedi ya Hirikgong ba setse ba amogetse dikgetsi tsa dikotsi tsa dikoloi tse di bakwang ke leruo di le masome a mabedi le bongwe.
“Tsela ya Maun-Kuke ga e a agelelwa, ka jalo bakgweetsi ba tshwanetse go ikela tlhoko mo leruong le le gobeyang ka nako tsotlhe mo tseleng eo segolo bogolo dikgomo le ditonki,” ga bua Supt Malope.
A re ba leka ka bojotlhe go bua le barui a supa fa e rile bosheng ba nna le thuto seka dipuisano le bangwe ba barui kwa motseng wa Toteng go leka go lwantsha seemo seo.
Le fa go ntse jalo, mogolwane wa mapodisi a re mo bekeng eno, mme mongwe yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, wa motse wa Etsha o ne a latlhegelwa ke botshelo morago ga gore bese e a neng a e palame e thule tonki e bo e tswa mo taolong mme ya wa.
A re kotsi eo, e e diragetseng masome a le mabedi a dikhilomithara go tswa kwa motseng wa Sehithwa, e ne e le ya bese e e neng e tswa Shakawe e ya Gaborone, e e neng e pegile batho ba le masome a matlhano le boraro, mme ba le supa ba ne ba bona dikgobalo tse di masisi.
“Ba le masome a mane le bongwe ba ne ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Sehithwa kwa ba neng ba alafiwa ba bo ba gololwa,” ga bua Superintendent Malope. BOPA
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : Sehithwa
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2016






