Lorekang o tlhokafetse
16 Nov 2016
Kgosi Setlhare Lorekang wa Maubelo kwa kgaolong ya Kgalagadi o tlhokafetse.
Kgosi, yo o lwetseng ka lobakanyana, o tlhokafetse kgwedi eno e ferabobedi kwa kokelong ya Tsabong..
Go ya ka Rre Fannel Mmereki yo e leng motlogolo wa ga Kgosi Lorekang, moswi o simolotse tiro ya bogosi e le kgosana e e sekisang ka 1985, mme ya re ngogola ka Lwetsi a tlogela tiro ka bogodi le bokoa.
A re Kgosi Lorekang o ne a rerisana le morafe fa a tlogela tiro mme a eletsa gore morwae, Rre Phllip Lorekang a mo tlhatlhame.
Rre Mmereki o supile fa morafe o ne wa dumalana ka bongwefela jwa pelo mme Kgosi Phillip Lorekang a bewa semmuso monongwaga ka Phukwi.
Moswi o tshotswe ka 1937 mme o tlaa bolokwa ka Matlhatso teng kwa Maubelo.
Moswi o tlogela mohumagadi le bana ba le lesome le bongwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Maubelo
Event : Potsolotso
Date : 16 Nov 2016






