Ledimo o lebogela mananeo a puso
16 Nov 2016
Kgosi Phologolo Ledimo wa kgotla ya Kubung kwa Maun a re o lebogela maiteko a puso a go ntsha Batswana mo lehumeng.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Ledimo o kaile fa mananeo a nyeletso lehuma, ipelegeng le lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) a tsweletse ka go sologela morafe molemo.
A re bontsi bo ne bo tshelela mo lehumeng, mme gompieno matshelo a bone a tokafatse thata.
A re motlhala wa mananeo ao, o a bonala ka jaana bontsi jwa banana bo dule mo mekgwatlheng le gone go emisa botlhoka tsebe jo bo bakiwang ke letlhoko la ditiro.
Kgosi o supile fa a itumelela kago ya matlo a borobalo ka fa tlase ga lenaneo la ESP kwa sekolong se segolwane sa Tshwaragano, se se mo kgotleng ya gagwe, a supa fa banni ka bontsi ba kgonne go oba letsogo.
O tlhalositse fa a dira ka bojotlhe go rotloetsa morafe mo diphuthegong tsa kgotla go inaakanya le mananeo a puso ka jaana a ka ba tlodisa melatswana.
Kgosi Ledimo o ne a gakolola banana go dirisa dipoelo tse ba di bonang go tswa mo mananeong a sentle.
A re ba seka ba di dirisa mo dilong tse di ka ba senyetsang bokamoso jaaka motsokwe, bojalwa le ditagi.
A re dipoelo tseo ba ka di dirisa go itlhabolola le go tlamela ba malwapa a bone.
A re o leka gape go fa dikgakololo tse di maleba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka dinako tsotlhe, go netefatsa tsamaiso e e tlhomameng mo lenaneong le tshwana le la Ipelegeng.Kgosi Ledimo a re go le gantsi babereki ba Ipelegeng ba ngongoregela dituelo tse ba di fiwang ke puso, ka ba re di ko tlase. O ikuetse mo pusong go leka go tokafatsa dituelo tseo.
O tswelelela a rotloetsa magosi a mangwe a lefatshe le, go tswelela ba rotloetseng morafe ka ditsela tse ba ka di kgonang go inaakanya le mananeo a puso.
A re botlhe ba ba iseng ba inaakanye le lepe fela la mananeo a puso, mme ba tshelela mo lehumeng, ba ikgogele ko maphateng le diofisi tsa puso tse di maleba go ikopela mananeo, a supa fa mokodue go tsoswa o o itsosang. BOPA
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 16 Nov 2016






