Lenaneo la nyeletso lehuma le thusa Tlhowe
16 Nov 2016
Mme Phiby Tlhowe wa Sikwane mo Kgatleng ke mongwe wa banni ba ba akolang mananeo a puso a nyeletso lehuma.
O tlhalositse fa a itumeletse thuso e a e boneng ka e mo thusa go tlhokomela lolwapa lwa gagwe.
Mme Tlhowe o tlhalositse fa a ne a ithutela go roka ka diatla kwa Afrika Borwa fa a sale monana mme a ise a latlhegelwe ke botsipa joo.
“Ke tsene sekole sa tiro ya diatla kwa Rusternburg mme ka maruping go boelwa ka tla gae go tsweledisa se ke se ithutileng,” a tlhalosa.
A re o lemogile gore go roka go ka mo direla letseno le fa dinako di setse di fetogile, a tlatsa ka go re botsipa jone bo santse bo le teng mme e bile a kgona le go bo amanya le didirisiwa tsa segompieno.
Mme Tlhowe o tlhalositse fa a roka matsela a ditilo le ditafole.
A re nyeletso lehuma e ne ya mo fa letsela le le lengwe le ditlhale go simolola kgwebo.
“Ke ne ka ngongorega ka ditlhale ka e ne e se tse ke neng ke di kopile, tsone di ne di sa kgone go loga letsela le ba le mphileng mme ka tlamega go ya go ithekela tse dingwe kwa marekisetsong,”a tlhalosa.
O boletse fa a eletsa gore dithuso tse ba di fiwang di ka atolosiwa botoka fa ba ka rerisana le bathusi ba bone pelega ba thusiwa ka didirisiwa gore ba seka ba fiwa tse di sa tshwanelang.
Mme Tlhowe o tlhalositse fa a setse a kgonne go rekisa mangwe matsela a ditilo le ditafole mme madi a a dirisa mo dilong tse e seng tsa kgwebo.
“Dikgwetlho tsa lolwapa di ne tsa busetsa kgwebo kwa morago ka ke ne ka dirisa madi a dipoelo go tsweledisa ntlo fa monnamogolo a sena go tlhokafala,” a tshwaela.
A re le fa theko e le kwa tlase ka batho ba inaakantse le dilo tsa segompieno, bogolo thata tse di tswang kwa moseja, a re o leboga thotloetso e a e fiwang ke ba ba rekang dilwana tsa gagwe, a tlatsa ka go re o tlaa tswelela fela a roka. BOPA
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : Sikwane
Event : Potsolotso
Date : 16 Nov 2016






