Breaking News

Spar le balekane ba Botswana ba aba ntlwana ya boitiketso

16 Nov 2016

Marekisetso a Spar kwa Mochudi a tshwaragane le rabontle le mmabontle wa balekane ba Botswana ba abetse lwapa loora Letshwiti ntlwana ya boitiketso.

E rile moemedi wa Spar, Rre Lesedi Matlapeng a bua kwa bokopanong jwa go aba ntlo eo ka Labotlhano, a supa fa ba ne ba gwetlhega morago ga go bona seemo sa lelwapa leo bogolo jang ka e le bagolo.

A re ba ne ba ikgolaganya le mmaboipelego wa kgaolo eo go bona gore ba ka thusa jang mme ba felela ba dumelane ka go aga ntlwana e e dirisang metsi.

Rre Matlapeng o ne a tlatsa ka go re ba dirisitse P8 300 go aga ntlwana eo mme tiro eo ba e dirile ba e tshwaraganetse le balekane ba Botswana kwa Kgatleng.

O supile fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba direla setshaba le go thusa mo lefelong le ba direlang mo go lone.

Rre Matlapeng a re ba eletsa go dira go feta fa mo nakong e e tlang mme ba dumela fa ntlwana eo e tlaa nna le mosola mo lwapeng loora Letshwiti.

Rabontle wa Kgatleng, Rre John Matlou o ne a supa fa go le botlhokwa go abela ba ba se,nang, bogolo jang ka seo se tsamaelana le se Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama a se kopileng mo Batswaneng gore ba thuse ba ba kwa tlase.

A re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang mme a supa fa ba segofatse thata ka gore ba thusitse batho ba ba tlhokang thuso. Rre Matlou o ne a supa fa bopelotlhomogi le lorato e le tsone di ba kopantshitseng le lolwapa loora Letshwiti.

A re ba tlaa tswelela ba thusa mme ba na le tsholofelo ya gore dithuso di  tlaa oketsega go ya pele.

Fa a tsha la gagwe, mothusa molaodi wa Kgatleng, Mme Lydia Keatlholetswe a re balekane ba Botswana le Spar ba dirile tiro e ntle thata ya go aga ntlwana.

A re se ba se dirileng se tsamaelana le se Tautona Khama a se rotloetsang ka jaana lengwe la maikaelelo a gagwe ke go nyeletsa lehuma.

Mme Keatlholetswe o supile fa go thusa batlhoki e le konokono mo go nyeletseng lehuma ka go na le dilo tse dintsi tse ba di tlhokang.

O ne a wetsa ka go re go aba ga mofuta o ke selo se se botlhokwa thata mme e bile se tlhokana le go iteelwa legofi.

Rre Morelle Letshwiti yo o dingwaga tse 91 e bile e le ene moamogedi wa mpho eo, o ne a supa boitumelo gore a bo a filwe thuso ka nako e e tshwanetseng.

E rile mokhanselara wa kgaolo, eo Rre Joseph Setoutwe leboga a supa fa se e le tiro e ntle mme e bile Spar le balekane ba Botswana e le sekao mo go ba bangwe. BOPA

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Kabo dimpho

Date : 16 Nov 2016