Breaking News

Moithuti o gakolola balekane

16 Nov 2016

Moithuti mongwe yo o neng a dira lokwalo lwa bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Sesung kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re o lemogile gore baithuti bangwe ga ba itse  mosola wa thuto.

Phatsimo Botsile wa dingwaga tse di lesome le bobedi a re  ene o lemogile fa sekole e le tsela ya go betla bokamoso le gore a diragatse ditoro tsa gagwe.

Phatsimo, yo e leng ene a gaisitseng baithuti ba lokwalo lwa bosupa botlhe, a re  lengwe la mabaka a a dirileng gore  a dire bontle ke kemo nokeng ya batsadi ka jaana le kwa lwapeng ba mo rotloetsa go tlhwaafalela dithuto.

A re bana ba bangwe ga ba  dire sentle mo dithutong ka gobo batsadi ba sa kgathegele tiro ya bone ya sekole. 

Fa a bua mo potsolotsong, Phatsimo yo dikeletso tsa gagwe e leng go nna ngaka, a re o fa dibuka tsa gagwe nako e bile o dira tiro ya gagwe ya sekole ka botswapelo ka a itse maikaelelo a gagwe. 

Le fa a di goga kwa pele, a re maduo a gagwe ga se a a mo itumedisitseng ka jaana a paletswe ke go tsaya seetsele sa tsa maranyane, le ntswa e le dithuto tse a di ratang thata. 

Rre Oaitse Tshabang, yo e leng morutabana wa lokwalolwa bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Sesung a re Phatsimo ke ngwana yo o nang le botho, a le kutlo e bile a dira tiro ya gagwe ka natla.Rre Tshabang a re o lemogile fa Phatsimo a na le kemo nokeng ka jaana batsadi ba gagwe ba tla sekoleng nako tsotlhe fa a ba tlhoka. A re le fa ba sa fitlhelela maikemisetso a bone e le barutabana ba lokwalo lwa bosupa, ba ne ba dira gotlhe mo ba go kgonang go bona gore maduo a a tokafala.

A re le fa ba ne ba lebagane le dikgwetlho o ne a ntse a solofetse maduo a mantle mo makgaolakgannyeng.

A re kgwetlho e tona e ba lebaganeng le yone ke go tlhoka go tshwaragana ga batsadi le barutabana ka jaana bontsi jwa bana ba nna ba le nosi mo gae fa batsadi ba nna kwa masimo. 

A re se ke kgwetlho mo tirong ya sekole ka jaana ba sena nako ya go ithuta sentle ka ba rwesitswe maikarabelo a a sa ba lekanang. 

O ne o kopa batsadi go tsaya maikarabelo a thuto ya bana ka jaana e le yone e ka ba betlelang bokamoso. BOPA

Source : BOPA

Author : Gomolemo Moketo

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 16 Nov 2016