Seabe sa batsadi se botlhokwa
16 Nov 2016
Modulasetilo wa Khansele potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme, a re thuto ya bana e tshwanetse go tshwaraganelwa gore bana ba ntshe maduo.
O buile jalo bosheng kwa sekoleng se sebotlana sa Mabuo a simolodisa sejana sa phadisanyo fa gare ga dikole tse tharo tsa Sehonou, Motshegaletau le Mabuo, ga mmogo le go ipelela kaloso ya baithuti ba ba ipaakanyetsang go ya go dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang.Rre Kooreme a re gore bana ba dire sentle mo dithutong, batsadi le barutabana ba tshwanetse go nna seopo sengwe mo go ba thuseng.
O iteetse sekole seo legofi ka go tlhomaganyetsa dingwaga tse pedi se ntse se tsaya maemo a ntlha mo kgaolong, a re ba tshware hela jalo le ngwaga tse di tlang.Rre Kooreme o rotloeditse ba ba sa tsayang dimpho gore ba ititee ka thupana gore e re ngwaga o o tlang e bo e le bangwe ba ba tsayang dimpho.
O kopile bana go nna le botho ka e le bone babusi ba kamoso.
Rre Kooreme a re go tlhoka botho go senyetsa motho bokamoso ka ntata ya gore kwa ntleng ga jone ga go na tirisanyo le botho.
O rotloeditse batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana ka gore maduo a nne mantle tshwaragano e tshwanetse ya nna teng.Rre Kooreme o lebogetse barutabana boithaopo le bopelotelele mo go ageng setshaba.
Fa a amogela baeng, Mogokgo Mogogi Boithamako o ne a re le fa ba na le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa, ga ba kgobege marapo go dira ka natla.
A re o tshwenngwa ke batsadi ba ba se nang sepe le thuto ya bana. BOPA
Source : BOPA
Author : Lesedi Kgosikhumo
Location : Mabuo
Event : Moletlo
Date : 16 Nov 2016






