Breaking News

Sekole sa Boatlaname se tlaa nna le motlakase

03 Jun 2013

Mokwaledi wa lephata la thuto, Mme Grace Muzila, a re ba solofetse gore thulaganyo ya go gokela motlakase kwa sekoleng sa Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng, e wetswe pele ga ngwaga o ya bokhutlong.

E rile a tsibogela matshwenyego a banni kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Pelonomi Venson-Moitoi bosheng, Mme Muzila a tlhalosa fa lephata la thuto le tlhaloganya bothata jo dikole di tshwana sa Boatlaname di lebaganyeng najo ka go tlhoka ditirelo jaaka motlakase.

O tlhaloseditse ba Boatlaname fa thulaganyo ya kgokelo ya motlakase kwa motseng oo, e tlaa dirwa gape mo dikagong tsa puso tse di akaretsang kokelwana le diofisi tsa kgotla.

Baagi ba motsana wa Boatlaname ba ne ba ntsha dingongorego ka go farologana jaaka palo e e kwa tlase ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng,  go tlhoka molomaganyi wa lenaneo la LIMID le go kgaolwa ga metsi kwa kgotleng ke ba koporase ya Water Utilities Corporation (WUC).

Mothusa mokwaledi wa makgotla a Setswana kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Tjingani Phaladze, o ne a tlhomamisa fa seemo seo se sa ame kgotla ya Baotlaname fela  mme a tlhalosa  fa tiego e bakilwe ke gore ba ne ba sa ntse ba tshwaragane le ba koporase ya metsi go rarabolola dituelo go ya ka dikgwedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Boatlaname

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Jun 2013