Mogorosi o tsosolosa ngwao
15 Nov 2016
Banni ba Mogorosi mo kgaolong ya Legare ke bangwe ba ba tsibogetseng mafoko a puso a go tsosolosa ngwao ya Setswana.
Fa o tsena ka kgotla matlho a ja monate, loobo ke lwa Setswana, mo go lone go na le direpudi tse motho a ka iketlang mo go tsone.
Go bapa le loobo go selei, selo se se kgatlhang leitlho thata, bogolo jang ka se sa bonwe motlhofo malatsi a. Bangwe ga ba se itse, e bile ba kgatlhwa ke go itsaya dinepe ka ba sa se itse.
Ka Batswana e le batho ba temothuo, mme e bile ba ne ba nna kwa nageng, e ne e re fa nako ya temo e goroga selei se bereke thata, e le sone sepalamo.
Ka go lemoga fa bontsi bo lebetse ka motlhala o, leloko la komiti e e neng e baakanyetsa kamogelo ya molelo wa kgolagano kwa Mogorosi, Kgosana Galekganelwe Keikelame wa kgotla ya Moeletsi o ne a bona go tshwanela go betla selei go supa setso.
Kgosi Keikelame o tlhalositse fa a ne a dira selei se e le go rotloetsa morafe wa gagwe go tsaya ngwao ka tlhoafalo le go e fetisetsa kwa dikokomaneng, a supa fa ngwao e le yone e agileng tshaba ya Botswana.
A re go tsosolosa ngwao go ka dirwa ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go dira ditiro tsa maloba, tse ka tsone basha ba ka ithutang mo go tsone.
Kgosi a re go dira selei e ne e se go kgabisa fela, ke go ruta dikokomane tsa gompieno ka botshelo jwa maloba.
A re mo kgaolong e ba ne ba dira selei ka logong lwa mokomotu le dithupa tsa mothono ka di sa onale motlhofo.
A tlhalosa fa selei se ne se dirisiwa go paka dithoto ka go farologana mme thata se ne se dirisiwa ka paka ya letsema le thobo.
“Re ne re golega dikgomo re goga selei, re paka dikgong, ditlhomeso le metsi kwa masimo ga mmogo le fa re setse re isa thobo kwa magareng,” a bolela jalo kgosi. BOPA
Source : BOPA
Author : Kgalalelo Osenkeng
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 15 Nov 2016






