Breaking News

Lenaneo le nosa moroki metsi

15 Nov 2016

Mogwebi wa Werda kwa Kgalagadi,  Mme Sarah Tites, o ngongorega ka bareki ba ba sa dueleng sentle ka ba felela ba isa dipoelo tlase. 

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Tities yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go itlhamela madirelo a go roka ka 2013, o boletse fa a tseere tshwetso ya go rekisa dilwana tsa gagwe ka sekoloto ka gore o ne a batla go bona kgwebo ya gagwe e runya.

Mme Tities a re banni ba Werda ba e leng boremelelo jwa bareki ba gagwe, ba leletse ruri ka ditlhwatlhwa tsa diaparo tsa gagwe le ntswa a dirisa seelo se se  lekanyeditsweng le ditlhwatlhwa tsa bagwebi ba bangwe mo motseng.

Mo nakong ya gompieno, Mme Tities a re lolwapa lwa gagwe lo rwele mokoa  wa diaparo tse a feditseng go di dira mme beng ba tsone ba santse ba le maoto a tshupa go tla go di golola.

O kaile fa a ipoleletse gore o tlaa isa matshwenyego a gagwe kwa kgosing mo nakong e e sa fediseng pelo ka a lemogile fa go nna moriti o tsididi  ga gagwe go ka seke go mo thuse ka sepe.

Dingwe tsa diaparo tse Mme Tities a di dirang ke dipurapura tsa bana ba  ba alogang mo sekoleng sa bananyana, paka ya sekole, diaparo tsa bagolo le gone go baakanya tse di senyegileng.

O tsweletse ka go bolela fa go betla marokgwe e le botsipa jo a bo ithutileng mo mogwebing mongwe kwa Tsabong.

“E ne e re fa ke filwe tiro ya go direla bana ba sekole se sebotlana sa Sam Mackenzie ke fe Rre mongwe wa mogwebi kwa Tsabong bontlha bongwe jwa go betla marokgwe.

E rile nako ntse e tsamaya ka lemoga fa le nna ke  na le bokgoni jwa go dira tiro eo. Ke moroki wa mmantswitswidi  fa ke bua le wena jaana,” ga bolela Mme Tities.

Fa ntse a le mo kgwebong, mme Tities a re o ne a ya go ikoketsa kwa Madirelo Training Centre kwa Gaborone ka 2006 mo lobakeng lwa dibeke tse thataro.

Dithuto tseo di mo thusitse thata ka botsipa jo a bo amuleng o ne a bo fetisetsa mo baneng ba gagwe ba le bone ba mo thusang mo kgwebong.

Mme Tities, yo o dingwaga tse di masome marataro le bongwe, a re le fa bareki ba sa diragetse ditumalano,  madinyana  a a a bonang a kgona go kaba diphatla fale le fale. O boletse fa go itumedisa go bo a kgona go ipona a na le seabe mo go tsiseng madi jaaka mongwe le mongwe ntswa e le mogodi.

“Ka P200 yo ke kgonang go mo dira ka beke, ke mo seemong sa go duelela metlakase le gone go reka dijo tota.”  BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Kgathileng

Location : Werda

Event : Potsolotso

Date : 15 Nov 2016