Khansele e baakanya leobo la Monarch
15 Nov 2016
Kgosi Gunny Moses wa kgotla ya Monarch kwa Francistown a re khansele e tsere boikarabelo jwa go baakanya leobo la kgotla ya gagwe.
Paakanyo e, e lopile dikete tse lekgolo le masome a mabedi le botlhano tsa dipula.
Kgosi Moses o buile jalo mo potsolotsong.
A re paakanyo e dirwa morago ga gore marulelo a leobo leo a shwe a bo a lore.
A re tiro ya go baakanya marulelo ao e simolotswe mo kgweding ya Phatwe, mme e ne e solofetswe go wela kgwedi ya Lwetse ngwaga ono.
O boletse gore re le fa paakanyo e tsweletse jaana, o sa ntse a tshwenngwa ke go bona tiro eo e dirwa ka bonya e bile e saletse kwa morago.
Kgosi Moses o bile gape a tshwaela fa a sa itumedisiwe ke bangwe borra dikonteraka ba ba ikopelang ditiro ka go farologana mme e re ba di abetswe ba retelelwe ke go dira se se solofetsweng.
O bile gape a re, e re ntswa Khansele e tsere boikarabelo jwa go baakanya leobo leo, dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana tse di welang ka fa tlase ga kgotla ya Monarch di ne di tsweletse ka go dira maano a go batla madi go ka baakanya leobo leo.
A re dikomiti tse, di ne di kokoanya madi ka go apaya le go rekisa dijo tsa motshegare le tse dingwe ka go farologana mme madi a a neng a dirwa ke dikomiti tse a tshwara dikete tse di masome a mabedi le borobabobedi a dipula.
Kgosi Moses a re, ka madi ao ba tla tswelela ba tlhabolola bontlha bongwe jwa leobo leo ka go dira matlwana a boiteketso a masha.
O bile gape a re bontlha bongwe bo tla a dirisiwa go reka dingwe di dirisiwa di akaretsa ditafole, ditilo le tse dingwe tsa dikomiti tsa ditlhabololo tse di neng tsa a shwa ke molelo. BOPA
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 15 Nov 2016






