Breaking News

Go bua Setswana ka botswerere ke mmammane

15 Nov 2016

Kgosi ya Setsile kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Senau Ramaribana, o lela ka teme ya Setswana e tsweletseng ka go nyelela.

Kgosi o buile se mo potsolotsong bosheng.

A re o rotloetsa Batswana go ithuta Setswana gore ba kgone go utlwana fa ba buisana.

O tlhalositse gore puo ya Setswana ga e sa tlhole e na le boleng ka gore ga e buiwe jaaka ba fitlhetse e buiwa ke batsadi ba bone.

Rre Ramaribana o kaile fa mafoko mangwe a sa tlhole a le teng a nyeleditswe ke a masha a a kopantsweng le diteme tse dingwe jaaka sekgoa.

A re puo ya Setswana e a latlhelelwa fa e kwalwa mme a rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go kwala puo ya se ga bone ka manontlhotlho.

“Go sa kwala puo ya Setswana sentle ke lenyatso mo go yone, e bile ke go e tseela kwa tlase,” ga bua jalo kgosi.

Le fa gontse jalo, Rre Ramaribana o ne a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana ba dikolo gore ba rute bana Setswana ka gore bana ba dira sentle mo dithutong tsa sekgoa.

A re o kopa Batswana go tlotlomatsa ngwao ya bone ka puo ya bone gore mafatshe a mangwe le one a ithute mo go bone, ka Setswana se re goo-ra motho go thebephatshwa, go dira jalo gore dikokomane tsa bone di tle di fitlhele puo ya bone.

Kgosi a re mathata ke gore batho ba ratile diteme tsa batho ba bangwe go feta Setswana.

O kopile ba ba isang bana ba bone ko dikoleng tsa sekgoa (English medium) go ba buisa Setswana fa ba le kwa malwapeng go itsa gore ba latlhegelwe ke puo ya Setswana.

Kgosi Ramaribana a re di sale di lemile dinaka bogole bogologolo, ka gore ka nako eo go ne go dumelwa gore fa motho a rutegile o tshwanetse go utlwiwa a bua sejatlhapi.

E re go ntse jalo, kgosi a re Batswana ga ba tlhole ba itse diane le meila ya Setswana, e bile dibuka tse neng di ka thusa le tsone di kwalwa ka sekgoa.

Mo go tse dingwe, Kgosi a re o tshwenngwa ke bomme ba ba sa apareng sentle fa ba tla kgotleng mme a ba rotloetsa go apara mesese ka ke sone Setswana.

Bomme malatsi a gompieno, ba tsena mo dikgotleng ka marokgwe selo se se neng se sa ditlwaelwa bogologolo. BOPA

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Setsile

Event : Potsolotso

Date : 15 Nov 2016