Breaking News

Balemi ba kopiwa go kwadisa thobo

15 Nov 2016

Go botlhokwa gore morago ga thobo, balemi botlhe le ba ba sa lemang ka mananeo a puso, ba kwadise se ba se robileng kwa diofising tsa balemisi go thusa puso gore e nne le pego e e lolameng gore

Batswana ba robile go le kana kang, e bile ba ka kgona go itshetsa ka thobo eo mo lebakeng le le kae.

Se, se boletswe ke molemisi wa Sefhare, Rre Oliver Sekgwama mo potsolosong. Rre Sekgwama a re o lemogile fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba sa tseye tsia go kwadisa thobo ya bone.

A re fa molemi a ne a lemile a bo a sa robe sepe, tshwanelo ke gore a kwadise gore ga a a roba sepe.

A re go fa puso maduo a thobo, go thusa gape le go ka lemotsha balemi dikgwetlho le diphoso fa ba sa bona thobo e e nametsang, mme ba kgone go ipaakanya mo temong e e latelang.

O ne a supa gore gape fa mongwe a atlegile mo thobong, o ka thusa ba bangwe ka go ba fa maele mme le bone ba tsoge ba robile botoka.
Rre Sekgwama o tsweletse ka go bolela fa lenaneo la ISPAAD le ntse le tsweletse le mo letsemeng la ngwaga ono.

A re seo, se supa fa puso e sa ipone tsapa ka go leka go tokafatsa matshelo a Batswana ka temo.

A tlhalosa fa mme a swabisiwa ke bao ba ba sa tseeng maiteko a ka tlhwaafalo, ka jaana bangwe ba fiwa dithuso tsotlhe tse di tlhokegang mme morago ba phuaganye masimo.

Molemisi o ne a kaya gape gore o tshwenngwa ke bangwe ba ba ikimetsang morwalo ka go lema ditema tse dintsi tse ba felelang ba palelwa ke go di tlhokomela sentle tsotlhe.

O ne a kopa gore mongwe le mongwe a itekanye selekanyo sa ditema, a re o tlhaloganya sentle gore temo e tlhoka tlhokomelo e e kae gore e ntshe maduo a a nametsang.

O kopile balemi go tsosolosa mewa ya maloba e tshwana le molaletsa a re tirisanyo mmogo eo e ka thusa balemi go tswa ka sengwe se se botoka mo masimong. BOPA

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Sefhare

Event : Potsolotso

Date : 15 Nov 2016