Tshireletso o rotloetsa bodiredi go tsholetsa dinao
03 Jun 2013
Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Metse Selegae, Mme Botlogile Tshireletso o kopile badirelapuso ba ba lebaganeng le mananeo a nyeletso lehuma ba kgaolo ya Boteti go fefosa mananeo ao.
Mothusa tona o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Mmea le Makgaba bosheng. O ne a le mo letsholong la go lekola Batswana ba metse e e kgakala le ditlamelo, le go ba ruta ka mananeo a nyeletso lehuma le go bona gore a a dirisiwa.
Mme Tshireletso o ne a kopa badirelapuso ba ba lebaganeng le go isa ditlamelo kwa bathong go dira tiro ya bone ka natla le bofefo gore maitlamo a puso a go nyeletsa lehuma le go fedisa bokgakala jwa metse le ditlamelo mo dingwageng tse di lesome tse di tlang a atlege. Mothusa tona a re maikalelo a puso ke go ntsha Batswana mo lehumeng ka jalo a kopa bodiredi go bona gore Batswana ba akola mananeo a nyeletso lehuma.
A re fa ba dira ditshekatsheko tsa go bona gore motho ke motlhoki ba seka ba latlhelela e bile ba dire tiro e ka lorato. Mme Tshireletso o ne a kgothatsa Batswana ba ba thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma go tshwaragana le puso go nyeletsa lehuma ka go itirela ka diatla gore ba tle ba akole maungo a mananeo a puso.
Mothusa tona o ne a ba kopa go tlhokomela dilo tse ba thusiwang ka tsone, a re fa ba sa iteke ga go na se se ka kgonegang, ka ke bone fela ba ka iphetolelang matshelo. Kgosi ya Mmea, Rre Polsona Keitlhaganetse o ne a lebogela tona go ba tlhola gangwe le gape, a bo a lebogela dipalo tse di okeditsweng tsa khiro ya Ipelegeng.
O ne a ngongorega ka lenaneo la nyeletso lehuma a re le bonya, a kopa mothusa tona go gogakolola badirelapuso go dira ka natla go gorosa ditlamelo ka nako le go rerisana le bone. Kgosi Keitlhaganetse o ne gape a lekodisa mothusa tona ka matshwenyego a motse wa gagwe.
Mothusa tona o ne a rolela banni ba Makgaba dikarabo tsa dilelo tse ba neng ba di neetse Tautona bosheng, a ile go ba lekola, a bo a reetsa tse dingwe tse ba nang le tsone. Bontsi jwa banni ba ne ba ngongorega ka go kgaolwa mo dijong tsa mophako le go tlhoka lenaneo la Ipelegeng.
Mothusa tona o ne a ba lekodisa ka kopo ya bone ya gore thota ya Makgaba e rurufadiwe go nna motse e le nngwe ya dilelo tse ba neng ba di neetse Tautona a re kgang ya teng e sa ntse e ile go sekasekwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 03 Jun 2013






