Bakwena ba kopiwa go tshwaragana
14 Nov 2016
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re Molepolole o lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa, ka jalo a kopa Bakwena go tshwaragana le khansele go rarabolola seemo seo.
Rre Sibisibi, yo o neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole, a re mo ditshekatshekong tse ba di dirileng ba lemogile fa khansele e le nosi e se kake ya kgona. Le fa go ntse jalo a re bodiredi jwa khansele bo tlaa itoma sanngate go bona gore dikgwetlho tse ba lebaganeng le tsone ba ka di kgona jang.
O kopile morafe go ntsha megopolo e ba ka e dirisang go kopa madi kwa pusong go dira ditiro tsa ditlhabololo.
Modulasetilo o bile a tlhalosa fa dingwe tsa ditiro tsa Ipelegeng di tsweletse, mme go santse go sa lekana ka jaana ka dinako tse dingwe badiri ba salela kwa morago ka ntata ya tlhaelo ya didirisiwa .
O bile a tlhalosa fa khansele e le mo thulaganyong ya go tlhoafalela go isa ditlamelo kwa bathong, a re ba lemogile fa mo nakong e e fetileng go ne go ntse go se na thulaganyo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Boitumelo Kably ene o tlhalositse fa komiti e sa nna le ditiro dipe tse di bonalang ka jaana ba ne ba tshwaragane le ditiro tsa go baakanyetsa molelo wa kgolagano le boipuso jwa masome a matlhano.
Le fa go ntse jalo, a re Ipelegeng e tsweletse tsa go phepafatsa motse ka go ntsha ditlhare tse gantsi dirukutlhi di iphitlhang mo go tsone.
Modulasetilo o bile a tlhalosa fa kgaolo ya Borakalalo le Boswelakoko di sa tsamaege ka nako ya fa dipula di nele e bile metsi a tsenelela batho mo malapeng le bana ba dikole ba sa ye dikoleng sentle ,ka jalo a kopa khansele go rarabolola seemo seo . Ka pego ya ditiro tsa molelo wa kgolagano le boipuso, e e santseng e saletse morago ,modulasetilo o kopile Bakwena go ba inela diatla metsing ka jaana dipego di ise di dirwe, a re e tlaare fa di sena go dirwa ba lekodisiwe .
Mo phuthegong eo morafe o ne wa ngongorega ka seemo se se maswe sa ditsela mo motseng, letlhoko la metsi le kgopho ya metsi a a leswe e ba tlhalositseng fa e le yone e paledisang go tswelela ga ditlhabololo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Nov 2016






