Go ikgapela botshelo go a tshwenya
14 Nov 2016
Mothusa mookamela mapodisi a Werda mo kgaolong ya Kgalagadi, Assistant Superintendent Keodirile Mponang, o boletse fa dikgang tsa go ikgapela botshelo di tshwenya thata.
Assistant Superintendent Mponang o buile jaana mo potsolotsong morago ga gore monna mongwe wa Kokotsha a fitlhelwe a akgega mo setlhareng mo sekgweng gaufi le motse oo.
Mothusa mookamela mapodisi o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e tlhola gane morago go go bonwa ke bafeti ka tsela.
Rre Mponang o boletse fa ba ne ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba neng ba tlhomamisa fa e le boammaaruri a tlhokafetse.
A re mo nakong ya gompieno serepa se santse se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong go tlhatlhojwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso tsone di santse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo. Assistant Supurintendnt Mponang o supile fa moswi a sa tlogela molaetsa ope o o ka supang se se ka tswang se ne se mo tshwentse.
A re go belaesega fa dingwaga tsa gagwe di ka nna masome a mararo go ya kwa go tse di masome a mane fa ene a tlholega kwa kgotleng ya Kagiso teng kwa motseng oo.
Rre Mponang o kaile fa dikgang tsa go ikgapela botshelo di tshwenya thata mo kgaolong ya gagwe a supa fa tiraglo eo e le ya boraro fa e sale ngwaga ono o simologa.
O ne a gakolola setshaba, bogolo jang borre go kopa dikgakololo mo go ba ba lebaneng ba tshwana le dikgosi, baruti batsadi, ditsala, ba boipelego le mapodisi go na le go tsaya ditswetso tsa go ipolaya. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Kokotsha
Event : Potsolotso
Date : 14 Nov 2016






