Breaking News

Lephata le itlama go isa ditirelo kwa bathong

14 Nov 2016

Lephata la kwadiso ya omang, matsalo, dintsho, manyalo le mekgatlho la re go isa ditlamelo kwa setshabeng ke mmangmmang.

E ne ya re mo potsolotsong, Mme Gorata Marapo go tswa kwa lephateng leo kwa Tsabong a bolela fa ba le mo letsholong la go kwadisa batho kwa dikgaolong. 

O supile fa ba etela mafelo a a mo Kgalagadi Borwa go thusa Batswana ba ba tlhokang dithuso tsa bone.

A re maeto a bone a thusa batho ba ba sa kgoneng go tsaya mesepele e meleele go ya go batla dithuso kwa Tsabong.

Mme Marapo o supile fa batsadi kwa dikgaolong ba nna ba lela ka letlhoko la madi a go ya go kopa dithusokwa ofising,  mme a re go ba latela ke yone tsela ya go  isa ditlamelo kwa go bone.

A re Batswana ba tla ka dipalo tse di kwa godimo fa ba ba etetse mme ba batla dithuso tse di farologaneng jaaka go dira kana go shafatsa karata ya Omang le go kwadisa le go fetola matsalo a bana. 

Mme Marapo a re ba leka ka bojotlhe go ruta setshaba ka mosola wa ikwadiso. 

O supile fa ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang, a ka tswa a tsholelwa mo lapeng kana kwa bookelong, a na le tshwanela ya go kwadisediwa setlankana sa matsalo e bile maina a batsadi a tshwanetswe go kwala le fa batsadi ba sa nyalana.

O kaile fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go nna le kitso e e tletseng ka botlhokwa jwa Omang le ditlankana tsa matsalo le dintsho.

A re se dira  gore fa ba tla go kwadisa ba bo ba tlhaloganya se go buiwang ka sone, ka seo se ka dira tiro ya ikwadiso motlhofo. O ne a tlhalosa fa mo molaong Batswana ba tlamega ikwadisetsa ya Omang, matsalo le dintsho mo malatsing a a beilweng.

O ne a tlhalosa fa ikwadiso e e le botlhokwa thata ka e supela motho gore ke Motswana ka boammaaruri e bile e ka  thusa Motswana go akola meamuso le ditlamelo tsa puso.

A re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke gore setshaba ga se tle ka nako mo diofising tsa kgotla go tla go kopa dithuso.

Mme Marapo o re ba rata go tla motshegare mme ba batla dithuso tse dintsi.

O supile fa selo se nako e nngwe se dira gore ba boe ba sa  thusiwa ka ntlha ya gore ba diofisi tse dingwe ba a bo ba setse ba bolotse.

O supile fa a tshwentswe ke ka fa batsadi bangwe ba gogang dinaoka teng go kwadisa matsalo a bana, segolo jang ba ba setseng ba tsena kwa dikelong tse dikgolwane.

O rotloetsa batsadi kana batlhokomedi ba bana gore ba simolole go kwadisa matsalo ka nako go itsa go lopiwa dituelo tsa go kwadisa morago ga nako.

O ne a tlhalosa gore fa ngwana a na le setlankana sa matsalo e bile a le dingwaga di lesome le borataro a kgona go se dirisa go itshupela a sa tlhoke gore a bo a supelwa ke motsadi. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : Kolonkwaneng

Event : Potsolotso

Date : 14 Nov 2016