Mokgatlho o abela bana ba bashwa go belegwa
14 Nov 2016
Moeteledipele wa kokelo ya Sabata (SDA) kwa Kanye, Ngaka Nyambe Mungandi a re go neela ke selo se se molemo.
Ngaka Mungandi o buile jaana kwa Kanye ka Labotlhano fa mokgatlho wa Reaitsane o ne o abela bana ba ba santseng ba le mo botsetsing ba le lesome dimpho.
A re mpho eo ke thotloetso mo bananeng ba lefatshe le gore ba ithute mo botsading ba tle ba tsoge ba direla lefatshe, selo se a reng se ka isa Batswana golo gongwe.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa baoki, mme Keabitsa Ramantele o ne a tlhalosa fa dimpho tse di tsile ka nako e e siameng, a tlatsa ka gore mo dinakong tse dingwe ba kopana le dikgwetlho tsa gore bo mmabana bangwe ba tla ba iphotlhere ka nako ya pelegi.
A re seo e be e le boikarabelo jwa sepatela gore bana bao ba rekelwa diaparo. Mme Ramantele o bile a tlhalosa gore dimpho tse di lebega di le dinnye mme mo go bone e le ba sepatela di dikgolo.
Mme Ramantele a re go a lebosega go bona botsadi bo tshwere thipa ka fa bogaleng. A re modimo o ba okeletse ba tle ba tswelele ba dire go le go golo.
Mokgatlho wa Reaitsane, o tlhamilwe ka 2011 ke bahumagadi ba magosi le magosana a makgotla ka go farologana mo Kanye.
Moemedi wa mokgatlho, mme Mavis Makaba a re maikaelelo a mokgatlho o fa o tlhangwa, e ne e le go ema kgosikgolo nokeng, go mo tlamela le go mo nonotsha jaaka botsadi.
A re ba o tlhamile ka nako e Kgosikgolo Malope a neng a se kotama ka 2011.
A re ba gwetlhilwe thata ke ka go bo motsadi a tshwara thipa ka fa bogaleng, a tlatsa ka go re morago ga go kopana le ba botsogo ba ne ba lemoga fa go tlhokega gore ba abele bana. O tlhalositse gape gore ba dira go le gontsi mo motsengg, ba tlhotlhelediwa ke mowa wa lorato le tirisano.
Mme Makaba a re ba ikemiseditse go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi le lorato jaaka mokgatlho wa bone o ntse o gola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tlamelo Kgelepo
Location : Kanye
Event : Kabo dimpho
Date : 14 Nov 2016




