Metshameko le bodiragatsi di sidila tlhaloganyo
14 Nov 2016
Motlhami wa mokgatlho wa balwetse ba tlhaloganyo wa Masego Mental Health Organisation, Rre Edward Masukudu, a re metshameko le ngwao di botlhokwa mo go sidileng maikutlo a balwetse.
O buile jaana mo puisanyong kwa kokelong ya Sabrana kwa Lobatse morago ga gore ba ipele le bangwe ba balwetse ka metshameko le bodiragatsi.
Rre Masukudu, yo a kileng a alafiwa kwa kokelong eo, a re mokgatlho wa gagwe ka thotloetso ya University of Botswana o bone go le botlhokwa gore ba nne ba tsaya nako go ya go rotloetsa le go tiisa moko balwetse ba Sabrana ka metshameko e e farologanyeng jaaka kgwele ya dinao, koi, mhele le e mengwe ga mmogo le tsa bodiragatsi jaaka mmino wa setso.
O supa gore botlhokwa jwa metshameko le bodiragatsi ke go fa balwetse sebaka sa gore ba ikamogele gore le bone ba na le mosola mo botshelong ka ba na le sebaka sa go itumela le batho ba bangwe ka metshameka le go diragatsa mo go dirang gore maikutlo a bone a seka a tlala ka bohutsana nako tsotlhe.
“Nako ya ke santse ke le kwano ke itemogetse gore bodutu bo bontsi, e bile ka o sa kopane le batho ba ba sa lwaleng jaaka wena e bile go se molthofo go ka ya go ipela le batho kwa ntle ga kokelo, selo seo se ne sa nkgwetlha gore ke bone gore nka ntsha balwetse bodutu jang,” ga bua Rre Masukudu.
Mongwe wa banana ba mokgatlho oo, Mme Naledi Mabena a re maitlamo a bone ke go tsisa pharologanyo mo balwetseng ka ba tsibosa setshaba gore ba emise kgethololo mo balwetseng. A re gape o lemogile gore balwetse ba a rata ka itlhele ba itumetse e bile ba tsaya karolo ka matshetla.
Mongwe wa badiragatsi ba mmino wa setso, Mme Shirley Mokoka o galaleditse maiteko a mokgatlho wa Masego a re o fa balwetse tsholofelo le sebaka sa go amogela mathata a bone ka bangwe ba gorogile kwa kokelong maikutlo a bone a fuduegile.
A re o kgatlhilwe thata ke mongwe wa balwetse yo o gorogileng kwa kokelong a ne a sa eletse go amana le balwetse ba bangwe, mme e rile ka nako ya kgwele ya dinao a tsaya karolo e bile a supa boitumelo.
Mongwe wa balwetse o buile gore o itumeletse letsatsi leo, a re le mo godisitse mo moweng.
A re le mo file tsholofelo ya gore le ene nako nngwe o tlaabo a dule kwa kokelong a tshela fela jaaka mongwe le mongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : Lobatse
Event : Puisano
Date : 14 Nov 2016






