Breaking News

Go botlhokwa go obamela nako ya thekiso ya bojalwa

13 Nov 2016

Bagwebi ba bojalwa kwa Mabutsane le metse e e mabapi  ba kopilwe go obamela dinako tsa thekiso ya bojalwa go itsa go gotlhagotlhana le molao.
Kopo e e dirilwe kwa thuto-puisanyong  ke mogolwane kwa ofising ya diteseletso kwa khanseleng potlana ya Mabutsane, Rre Mompoloki Mmutle  bosheng kwa Jwaneng.
Maikaelelo a thuto-puisanyo eo e ne ne e le go amogana megopolo le bagwebi le go ba  lekodisa  ka tse di tshwenyang khansele.
Rre Mmutle a re go santse go na le batho ba le bantsi ba ba sa obamleng dinako tse di beilweng tsa thekiso ya bojalwa.
A re ba tshwenngwa gape ke dipegoo tsa batho ba ba  gwebang ka bojalwa  ba se na diteseletso.
O ne a kopa bagwebi go ba thusa go lwantsha seemo seo ka go  loma mapodisi kana khansele tsebe gore go tle go tsewe dikgato tse di maleba.
A re  jaaka go setse kgwedi fela gore malatsi a botsalo jwa Morena a bo a goroga, go botlhokwa gore ba tswelele ka go gatelela  go obamela  dinako tse di beilweng tsa thekiso ya bojalwa.
Mongwe wa bagwebi, Rre Odirile Moreputla o ne a gatelela gore ke boammaaruri go na le go gweba ka bojalwa ka bokukuntshwane kwa Samane.
A re batho ba mofuta oo ga ba duele lekgetho le fa e le go duela  madirelo a go gwebelwang mo go one ntswa ba dira madi a a fetang a ba ba letleletsweng go rekisa ka fa molaong. O ne a ntsha mogopolo wa gore go tlhangwe dikomiti kwa metseng ka go farologana tse di tlaa bayang seemo leitlho.
Mme Mmaophala Dikobe, yo le ene a gwebang ka bojalwa, a re kgwebo ya gagwe e wetse tlase ka jaana bareki ba reka mo bathong ba  ba se nang teseletso ka e bile ba  bula pele ga nako e e beilweng.
O ne a kopa gore khansele e tsibogele seemo seo ka jaana se bolaya dikgwebo ka bontsi mo kgaolong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : JWANENG

Event : thuto-puisano

Date : 13 Nov 2016