Thuto-ga-e-golelwe boswa jwa motia
13 Nov 2016
Moithuti wa thuto-ga-e-golelwe, Rre Manzini Molefe a re thuto ga e golelwe e na le maduo a a molemo, a a popota e bile a nonofile go fetola matshelo a batho le go godisa itsholelo ya lefatshe.
Rre Molefe o kgothaditse setshaba go ithuta go bala le go kwala; a re thuto ke lesedi e bile ke boswa jo bo fiwang ntle le tuelo.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Molefe o tlotlomaditse lenaneo la thuto-ga-e-golelwe, a bolela ka fa le fetotseng botshelo jwa gagwe ka teng.
A re lefatshe la Botswana le tlhoka setshaba se se rutegileng go tswelela pele.
Rre Molefe, yo eleng modiri mo khanseleng ya Kgatleng, a re o gwetlhilwe go tsena sekolo ke gore o ne a sa kgone go bala dipampiri tsa dikgang le tsone dipampiri tsa dituelo tsa gagwe.
“Ke ne ke iditswe go tsena sekolo bogologolo ke botsadi jo ke neng ke nna le jone ka jaana mme a ne a direla kwa South Africa,” a rialo Rre Molefe.
Ba ne ba montsha mo sekolong go ya go disa dikgomo le dipodi kwa masimo.
A re lefifi la go tlhoka go itse go bala le go kwala le mo fetisitse dilo tse di botlhokwa di le dintsi mo botshelong le gone go tsiediwa.
Rre Molefe a re, o itemogetse gore botshelo jwa segompieno, sengwe le sengwe se tlhoka kitso ya go bala le go kwala.
“Botshelo jo ke bo tlhaloganyang le thuto e ke e tlhaloganyang segolobogolo ke ya temo thuo, mme mo malatsing a segompieno, go tlhokega gore motho abo a itse go bala ditaelo tse di kwadilweng mo dikgetsing tsa dijo tsa dikgomo le melemo ya tsone.
Le gone fa motho a rekisa dikgomo kwa BMC o tshwanelwa ke go itse thulaganyo ya go tlhakanya bokete jwa dikgomo le dikatso kgotsa dipoelo.
Ka jalo thuto ga e golelwe e nthusitse thata ka kitso ya go bala le go kwala,” Rre Molefe a tswelela ka go tlhalosa bomolemo jwa lenaneo la thuto ga e golelwe.
Rre Molefe yo o dingwaga tse masome mane le boroba bobedi (48), a re ba rutwa go bala le go kwala le dipalo, mme morago fa ba fetsa lenaneo ba fiwa ditlankana tsa lekwalo la bosupa.
Le fa gontse jalo, Rre Molefe a re sebe sa phiri ke dikgwetlho tse di amanang le maikarabelo a go nna mogolo.
A re o na le dingwaga tse masome mabedi le borobabobedi (28) a ntse a tsena sekolo, tota e e mabaka a merero ya tsa-selegae le tiro.
Mme a re maikaelelo magolo ngwaga ono ke go semelela mo thutong ya gagwe go fitlhelela ngwaga o tlang ka Seetebosigo fa a tlabo a wetsa ngwaga a ntse a tshwere.
A re setlhopha sa bone se na le baithuti ba le masome mabedi (20), mme morutuntshi wa bone ke moithaopi.
Kwa Mochudi, setlhopha se sa baithuti se tsenela kwa sekolong se sebotlana sa Ntshinoge se se itsegeng thata ka leina la New School.
Sekolo se tsena mo tshokologong ka nako ya bone mme ba tswe ka nako ya borataro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Karabo Molosi
Location : MOCHUDI
Event : potsolotso
Date : 13 Nov 2016






