Breaking News

Go thubega ga dikereke go a tshwenya

03 Jun 2013

Mothusa molaodi wa Palapye, Mme Segametsi Koontse a re puso e tshwenngwa thata ke go thubega ga dikereke.

Fa a bua kwa letsatsing la tshimolodiso ya kereke ya King in Calvary kwa Kgagodi ka mafelo a beke, Mme Koontse a re go lwela maemo le go tlhoka morero ke dilo tse ga ntsi di rotloetsang go thubega ga dikereke mme lekgamu le lengwe le felele le itlhametse kereke.

A re kereke ya King in Calvary e tshwanetse go tsisa kagiso, eseng dintwa, a tlatsa ka gore go botlhokwa go ntsha dipego tsa madi mo kerekeng. A re lefatshe leno le na le tebelopele ya ngwaga wa 2016 e e ikaegileng ka matshego a e leng motlhala wa go fitlhelela maitlamo a tebelopele eo.

A re mo matshegong a tebelopele ya 2016, kereke e tsaya karolo mo matshegong ka bontsi, ka jalo e tshwanelwa ke go nna le boikarabelo. Mo godimo ga se, o rotloeditse kereke eo go aga matangwana a a babalesegileng ka fa morago a a tlaa dirisiwang go kolobetsa maloko.

A re selo se se ka fema ditiragalo tse maloko a dikereke a latlhegelwang ke matshelo ntateng ya go nwela mo matamong a matona ka nako tsa kolobetso.  Mme Koontse o rotloeditse kereke e go nna le seabe mo go thuseng puso go agela ba ba senang fa ba bayang tlhogo teng.

Kereke ya King in Calvary e ne e tswa mo kerekeng ya Bethlehem Faith Mission, morago ga gore maloko mangwe a nne le tlhoka kutlwisisanyo e e ileng ya thuba kereke.

Mogolwane wa kereke eo, Archbishop Gray Mokotedi o lebogetse tshimolodiso ya kereke ya gagwe. A re go ne go se motlhofo gore ba goroge fa ba leng teng mme a solofetsa go goga kereke eo ka boammaaruri. Kereke e, e setse e na le makalana a le lesome mo lefatsheng leno.

Fa a tswa la gagwe, Moruti John Phillip a re go botlhokwa gore kereke e e ithekise mo setshabeng ka go dira ditiro tse setshaba se tlaa tsogang se e lemoga ka tsone. 

A re go rekisa kereke mo setshabeng go botlhokwa gore e kgone go gola, e nne le maloko a le mantsi. A re dikereke tse di setseng di itsege ga di a simolola ka maloko a mantsi, mme ka go direla setshaba, go feletse di itsege mo go dirileng gore di kgone go oketsa palo ya maloko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : KGAGODI

Event : Tshimolodiso ya kereke

Date : 03 Jun 2013