Khakhea o rotloediwa go inaakanya le Re -a- Nyalana
13 Nov 2016
Kgosi ya Khakhea kwa kgaolong ya Borwa o rotloeditse banni ba motse oo go dirisa lenaneo la Re a Nyalana.
Kgosi Joseph Mantries o tlhalositse fa a lemogile gore go na le bangwe ba morafe wa gagwe ba ba nnang mmogo le bakapelo ba bone e bile le bana ba tshotswe mme ba sa nyalana ka fa molaong.
O kaile fa lenaneo la Re- a -Nyalana e le karabo e e maleba go baakanya seo ka jaana ba tlaa bo ba thusiwa ka go nyalana e bile go sena ditshenyegelo tse dintsi.
O tsweletse a tlhalosa fa go nyalana go le botlhokwa e bile go le mosola fa go setseng go tshotswe bana ka jaana e le go baakanyetsa bana bokamoso le gone go nna le tshwanelo ya boswa jwa batsadi ba bone fa ba tlhokafala.
“Go le gantsi bana ke bone ba nnang ka fa mosing fa batsadi ba bone ba tlhokafala ba sa nyalana ka go nna bokete gore ba kgone go dirisa boswa jwa bone.
Ba masika ba na le go tsenya bana dingalo ka boswa jo bo ba lebaganeng ka ntlha ya gore batsadi ba bone ba ne ba sa nyalana mme fa lenyalo le le teng go nna motlhofo fela thata gore bana ba tseye boswa jwa bone ke ka moo keletso ya me e leng go bona go nyalanwa.”
Kgosi Mantries o gateletse gore lenaneo la Re- a- Nyalana ga se la bahumanegi kana la bagolo jaaka bangwe ba akanya.
O kaile fa lenaneo le ka dirisiwa ke mongwe le mongwe a kaya fa dikgosi dingwe di setse di nyalane ka lenaneo leo mme se e le sekai se se maleba gore lenaneo ke la botlhe le bone banana tota.
A re le fa ntswa bogadi bo le botlhokwa thata mo ngwaong ya Setswana ga go reye gore fa monna a sa kgone go ntshetsa mosadi wa gagwe bogadi ga a kake a kgona go nyala mokapelo wa gagwe fa a sa ntse a baakanya bogadi.
O tlhalositse fa ofisi ya ga molaodi e nyadisa le fa bogadi bo seyo.
Kgosi Mantries o ne a gatelela gore bogadi ga bo reye gore monna oa bo a rekile mosadi mme e le tebogo e monna a e fang batsadi ba mosadi wa gagwe go bo ba mo letleletse go nyala ngwana wa bone.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : KHAKHEA
Event : Rea Nyalana
Date : 13 Nov 2016






