Go sa atlega mo dithutong ga se phelelo ya botshelo
10 Nov 2016
Go sa atlega mo dithutong go tlhalosiwa fa e se phelelo ya botshelo ka jaana go le ditsela di le dintsi tse motho a ka inaakanyang le tsone go itlodisa dinokana di tletse.
Se se boletswe ke mongwe wa banana ba toropo ya Francistown, Rre Bonolo Kgautlhe yo o dingwaga tse di masome mararo le motso mo potsolotsong le BOPA.
Rre Kgautlhe yo o tlholegang kwa Kanye ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore bodiragatsi ke nngwe ya ditsela tsa itshetso fa bo ka tsewa ka tlhwaafalo.
O tlhalositse fa nako e gorogile gore bodiragatsi bo seka jwa tsewa e le itloso bodutu fela mme e nne tsela nngwe ya go inamola lehuma segolo bogolo ka mo malatsing a gompieno a letlhoko la ditiro.
Touchars jaaka a tlwaelesegile go bidiwa a re mo malatsing ano phokoje go tshela yo o dithetsenyana a tlatsa ka gore go tswelela mo botshelong ga go reye gore motho a bo a ile mmadikole mme se se botlhokwa ke go dirisa tlhaloganyo go latela metlhala ya khumo.
“Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka ditlhaloganyo tsa rona go e latela. Go tlhoka go atlega mo dithutong ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi sa katlego ya botshelo” a bua jalo Kgautlhe a tlatsa ka gore mabutswapele ba ne ba humile mme ba sa ya dikoleng.
O tsweletse a tlhalosa fa e se ba botlhe ba ka nnang le sebaka go atlega go ya go tswelela kwa dikoleng tse dikgolwane. Ka jalo a re ke maikarabelo a mongwe le mongwe go netefatsa fa botshelo bo tswelela go sa kgathalesege dikgwetlho dipe fela tse di ka nnang teng tsa botshelo.
O tlhalositse fa e ne ya re a itemogela fa a sa kgona go atlega mo dithutong tsa gagwe tsa lokwalo lwa boraro a seka a letlelela go tsenwa ke mowa wa boitlhobogo ka botshelo jwa gagwe, mme a sekaseka tsela e ka yone a ka ipetlelang isago.
A re le ntswa dikakanyo di ne tsa nna matsorotsoro o feletse a nna le kgatlhego e e ko godimo ya go tshwantsha le go loga mekgabisa ka go farologana.
“Ke feletse ke ithaopela go loga le go tshwantsha ka ke ne ke na le lesedi la go dira jalo mme e bile ke ne ke kile ka ikgolaganya le monna mongwe wa Zimbabwe e bong Rre Tinise Maremera yo ka nako eo a neng a tumile e le mankge wa tiro ya go tshwantsha le go loga” a tlhalosa jalo Kgautlhe.
A re morago ga go tsaya tshwetso eo a itoma molomo wa tlase go tshwantsa le go loga mekgabisa e e farologaneng. O tlhalositse fa Batswana ka bontsi ba ne ba supa kgatlhego mo mekgabiseng ya go nna jalo mme seo, a supa fa se ne sa mo tiisa moko le go feta go dira ka manontlhotlho le botswapelo mo tirong ya gagwe go tswelela a itumedisa bareki ba gagwe nako le nako.
Ka ngwaga wa 2013, Rre Kgautlhe o tlhalosa fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa go ya go rekisa kgwebo ya gagwe kwa mafatsheng a a mabapi a tshwana le Zambia, South Africa le Zimbabwe.
“Kakanyo e e ne ya mperekela thata ka jaana bareki kwa mafatsheng a ba ne ba wela ka dipalo tse di nametsang bangwe ba ntsha madi gore ke ba rutuntshe ka ba ne ba kgatlhegela se ke se dirang”a bua jalo a supa monyenyo.
A re mo nakong eno o setse a itsege kwa mafatsheng ao mme e bile fa gongwe ba mo leletsa fa ba batla thuso ya gagwe. A re le mo lefatsheng leno o setse a tsamaile mafelo a le mmalwa go rekisa kgwebo ya gagwe mme maduo le one e nnile a a itumedisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 10 Nov 2016






