Breaking News

Go rua dipodi go tlhoka lorato le bopelotelele

10 Nov 2016

Mme Dineo Ramoseki wa Mabalane kwa kgaolong ya Mochudi Botlhaba a re o ne a fiwa dipodi ka ngwaga wa 2012 la lenaneo la LIMID mme ga a ise a ko a tlhole a leba kwa morago.

A re  mongwe le mongwe yo o dirang kgwebo kana sepe fela go itshetsa, o tshwanetse a dira selo seo ka lorato ka gore lorato lo a busetsa e bile maduo a lone a manamagadi.

Mme Ramoseki a re o ne a tsaya tshwetso ya go rua dipodi ka gore di bogadi bo gaufi mme e bile ga di tsenye dingalo jaaka dikgomo.

A re thuo ya dipodi e batla morui a rata se a se dirang mme e bile a se dira a sa kgoromediwe ke ope.

A re e rile ka ngwaga wa 2012, a fiwa dipodi di le lesome le borataro le phoko  mme a itumelela thuso eo fela thata.

Mme Ramoseki o supile fa ka ngwaga wa 2013, a ne a timelelwa ke dipodi di le lesome le bobedi mme ga a ise a ko a tlhole a di bona.

“Ga ke a ka ka nyema moko le fa gone ke ne ke utlwile botlhoko.

Ke ne ka ipolelela fela gore dilo tsa mofuta o di kgona go diragala mme ka baya fela mo Modimong”.

A re le fa go ntse jalo o ne a tiya moko mme a ipolelela gore Modimo o tlaa busa dipodi tsa gagwe tse di latlhegileng.

Ramoseki o ne a supa fa a ne a sala ka dipodi di le nne fela mme tsa simolola go tsala mme palo le yone ya oketsega.

A re ka 2014 dipodi tse pedi di ne tsa a swa morago ga go tsala mme ya re ngwaga o o latelang tsa tsala gape go oketsa dipotsane.

O ne a supa fa e rile mo ngwageng ono, ga tsalwa dipotsane di le thataro le fa e nngwe e ne ya swa fa e nngwe e timetse.

Mme Ramoseki a re o na le tsholofelo gore maroba a a teng o tlaa kgona go kgobokanya le go oketsa leruo la gagwe gore a nne mo seemong se a neng a le mo go sone.

O tlhalositse fa dipodi di batla tlhokomelo ya maemo a ntlha mme e bile di batla go kentiwa ka dinako tse di maleba gore di kgone go tsala sentle.

A re selo se se botlhokwa mo leruong ke lorato le o le neelang diruiwa tsa gago gore le tsone di go itse.

Mme Ramoseki a re o lemela dipodi tsa gagwe gore di je sentle bogolo jang ka go ntse go sena dipula sentle mme go le leshekere.

“Ke lemela dipodi tsame lablab gore di kgone go tshela sentle le gone gore fa ke batla go di gama di bo di itekanetse sentle go ntsha mashi a a nonneng.”

O ne a kgothatsa botlhe ba ba neileng tshwene marapo go ema ka dinao go dirisa mananeo a puso go itshetsa.

A re ene o eme ka dinao ka gore ga a batle go sotlega mme a na le diatla le tlhaloganyo ya go fetola botshelo jwa gagwe. wMme Ramoseki o ne a tlhalosa fa mananeo a le mantsi mme go tswa mo mothong gore o batla go dirang eng go fetola seemo sa botshelo jwa gagwe.
 

O ne a kopa banana bogolo jang go ema ka dinao go dira pharologanyo mo matshelong a bone e sere gongwe ba siiwa ke balekane ba bone ka botlhale le go itirela botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MABALANE

Event : Potsolotso

Date : 10 Nov 2016