Monana kwa Pallaroad o itshokela lenaneo
10 Nov 2016
Monana mongwe kwa Pallaroad o itumile molomo wa tlase go lwantshana le dikgwetlho tse a kopanang le tsone go netefatsa gore kgwebo ya gagwe e a atlega.
Mme Onthatile Sebolao wa dingwaga tse di masome mararo le borobongwe a re o ne a isiwa sekoleng sa go ithutela kapei ya borotho kwa Bokaa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2014 mme a kgona go simolola kgwebo semmuso ngogola.
Mme Sebolao a re le fa go ne go le dikgwetlho fale le fale, kgwebo e tsamaya sentle thata e bile o kgona go itshetsa ka dipoelo tsa yone.
O tlhalositse mo potsolotsong gore e rile 2015 a le fa gare a bona kotsi e e neng ya mmaya mo kokelong dikgwedi di feta bone.
A re le fa a ne a tsaya sebaka a sa kgone go dira sepe ka ntlha ya dikgobalo tse a neng a di bone, ga a ise a nne le kakanyo ya go ka phuaganya kgwebo ya gagwe ka a dumela gore fa a ka tswelela o ka itirela sengwe se segolo go tokafatsa botshelo jwa gagwe le go itirela bokamoso jo bo botoka.
Mme Sebolao o buile fa a tokafetse thata mo nakong eno mo a setseng a simolotse go rekisa gape a kokoanyetsa go tla go tlhabolola kgwebo ya gagwe sesha ngwaga o o tlang o simologa.
O tlhalositse fa a setse a dirile kopo mo mafelong a tshwana le sekole sa motse gore a tle aba apeele borotho.
A re mo nakong eno o thusa ba ofisi ya ipabalelo tseleng e bile a dumela gore ke tshimologo ya tse dikgolo.
Mme Sebolao o galaleditse mananeo a puso a re a thusa bontsi ka jaana banana ba na le menyetla e mentsi ya go ka ikinola mo lehumeng.
O gakolotse banana ka ene go ema ka dinao go thusana go netefatsa gore ba a atlega.
A re ga se nako tsotlhe tse dikgwebo di tlaa dirang dipoelo, ka jalo ba tshwanetse ba ikopanya go thusana le go fana dikgakololo ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
O rotloeditse le botlhe ba ba mo kgwebong gore fa ba kopana le mathata ba seka ba ineela ka ga se yone tharabololo, ka jalo ba tshwanetse ba itsetsepela mo maitlamong a bone ka e le yone fela tsela e ba ka fitlhelelang ditoro tsa bone ka yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Lephojane
Location : PALLAROAD
Event : Potsolotso
Date : 10 Nov 2016






