Bogodu jwa diphologolo bo koafatsa itsholelo
09 Nov 2016
Kgosi Mokgweetsi Ketshabile wa Kudumatse a re bogodu jwa diphologolo bo ka diga itsholelo ya lefatshe.
A re Kudumatse o gaufi thata le mafelo a diphologolo ka jalo banni bangwe ba ithusa ka diphologolo tseo ntle le tetla ya lephata la diphologolo.
O tlhalositse fa bogodu le letsomo la diphologolo le le seng ka fa molaong di tsweletse ka go diga itsholelo ka go nne bojanala bo na le seabe se segolo mo kgolong ya itsholelo.
A re bojanala ke mohama o o botlhokwa ka gore puso ga e dirise madi a mantsi thata mo go yone fa go tshwantshwangwa le mehama a mengwe,a tlatsa ka gore jaanong go mo maruding a setshaba go sireletsa diphologolo tse di mo tikologong ya bone.
Le fa go ntse jalo, kgosi a re bontsi jwa batho bo sa ntse bo sena kitso ka tlhokomelo ya diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego,a tlatsa ka gore melao e teng mme batho ba maoto a tshupa go bala ka yone.
O boletse fa batho bangwe ba sa ntse ba dumela fa diphologolo e le dijo, ba sa di tsee jaaka kgwebo e e godisang itsholelo ya lefatshe.
O boletse fa magodu ao a bolaela diphologolo tse go di ja kgotsa go rekisa nama ya tsone ka bokukuntshwane.
“Ga ke ise ke tlhaloganye gore ba a rekisa kana ba di bolaela go ja fela,”a tlhalosa.
E re go le jalo,a re seemo seo se a tlhobaetsa ka gore kgaolo e ka kwano e tla sala e sena diphologolo segolobogolo diphala le ditholo ka gore ke tsone di fitlhelwang di bolailwe gangwe le gape mo kgaolong ya gagwe.
A re seemo se se bakwa ke gore diphologolo tse ke tsone tse di atileng thata mo kgaolong eo.
O tswelela a tlhalosa gore ba nna ba tshwara diphuthego go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela diphologolo mme o kare thuto eo,e wela mo mmung o o lekgarapana.
E rile a tswelela a bolela fa monongwaga mopodisi a setse a gatisitse dikgang tsa mothale oo di le dintsi thata tsa go bolawa ga diphala,dikolobe,dikgokong le ditholo ka diwaere, dilaga le dintsa.
O boletse fa go setse go na le bangwe banni ba motse oo ba ba atlholetsweng kgolegelo mabapi le bogodu jwa diphologolo.
O ne a tswelela ka go leboga ba sepodisi, makgotla a mangwe a molao ka gore ke bone ba ba thusang go lwantsha bogodu jo ka go tshwara babelaelwa,
A re fa nne madi a le teng go ne go ka okediwa badiri ba diphologolo go lwantsha bogodu joo.
Kgosi Ketshabile a re o kopa setshaba gore se tlogele go utswa diphologolo,a tlatsa ka gore seo ke molato,go bolaya diphologolo,le go tsena mo polaseng ya motho kwa ntle ga tetlelelo ke molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : KUDUMATSE
Event : Potsolotso
Date : 09 Nov 2016






