Breaking News

Suping o lela ka go tlhaela ga ditlamelo

09 Nov 2016

Banni ba kgotla ya Suping kwa Molepolole ba re kgotla ya bone e tlhaela ditlamelo.

Banni ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Bokone, Rre Mohommed Khan, e le bontlha bongwe jwa diphuthego tsa gagwe tsa kgotla tse di tsweletseng.

Banni ba kaile fa go tlhoka sekole mo Suping go ba apesa kobo ka letshoba ka ba tshelela mo letshogong mabapi le dilalome tse di lelekang bana fa ba tswa sekoleng.  

Mongwe wa banni ebong, Mme Opena Moswana, a re o nna a bofile mala ka tukwi ka ntlha ya gore fa ngwana wa gagwe a ile sekoleng ga a ke a itse fa a tlaa bowa a tshela.

Banni gape ba buile ba sa kgale mathe ka fa ba tshelelang mo lenyoreng ka teng. 

 Ba re ba kgona go nna dikgwedi ba sa bone metsi.  

Ba tsweletse ba supa gore letlhoko la ditiro le lone le ile magoletsa mme tiro e e leng teng fela e le ya ipelegeng. 

 Ba re go bo jaanong Molepolole a golela kwa Suping, ga go ba solegele molemo ka bone ba sa akole ditlhabololo dipe go sitang ka le one motlakase o pala go goroga.

E rile a tswa la gagwe, mopalamente a tlhalosetsa morafe gore ditlhabololo di ka bo di setse di gorogile.  

A re sebe sa phiri ke gore ditirelo dingwe di tshwana le madirelo a e kareng a le teng a thapa batho ba le bantsi a tlhoka ditlhabololo di tshwana kgopho ya metsi a a leswe.

O kaile fa mo ditogamaanong tsa lefatshe tse di fetileng: NDP 8, 9, 10, go tla go tsena mo go e e latelang, kgopho ya metsi a a leswe mo Molepolole e ne e ntse e le teng. 

Rre Khan a re madi le one a ne a le teng go dira ditlhabololo tseo mme madi ao a felela a isiwa kwa mafelong a mangwe go dira ditlhabololo tse dingwe.

Le fa go ntse jalo mopalamente o kgothaditse morafe gore e re lentswa go sena ditiro, go na le dilo dingwe mo tikologong ya bone e le ditsatlholego tse ba ka itshetsang ka tsone. 

A re ditsa tlholego di tshwana sengaparile, mokgwapha ga mmogo le ditlhatshana tse dingwe tse Batswana ba kileng ba bo ba di dirisa go ikalafa di ka lengwa mme di rekisiwe ko mafatsheng a sele go dira melemo mme bone ba obe lebogo.

O kopile morafe wa Suping go tlhagafalela go tsaya ditlankana tsa masimo a bone gore ba tle ba di dirise mo temong ya kgwebo mme ba itlhamele mebereko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Nov 2016