Breaking News

Baagi ba Molepolole ba maoto a tshupa go kwadisa ditsha

09 Nov 2016

Mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Nkwadisang Moipopi a re banni ba Molepolole le metse e e mabapi ba kwadisa ditsha ka dipalo tse di sa nametseng.

E rile a bua mo potsolosong bosheng, Rre Moipopi a re fa e sa le ba simolola go kwadisa ditsha, go kwadisitse batho ba le 6 647 fela mo go ba le 30 180 ba ba neng ba solofetswe.

A re seemo seo se tshwenya fela thata mme a re batho ba ka tswa ba dirwa maoto a tshupa ke dipelaelo tsa gore fa go ka fitlhelwa ba na le ditsha di le mmalwanyana di tlaa tsewa, selo se a supileng fa e se boammaaruri.

A re ba leka ka ditsela tsotlhe go rotloetsa batho go kwadisa ditsha tsa bone jaaka go buisa diphuthego tsa kgotla, go bua le baemedi ba morafe jaaka makhanselara le gone go gasa molaetsa mo diromamoweng tota.

O kaile gape fa ba na le maikaelelo a go bolotsa letsholo la go tsena ntlo le ntlwana le gone go ya kwa dikoleng go ya go neela bana mekwalo gore ba e ise kwa batsading ba bone.

E rile a nankola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, o kaile fa batho ba sa tsenye mekono mo ditsheng tsa bone e bile ba sa reme ditlhare mme a re dilo tse di paledisa maranyane a bone go dupa sentle.

A re gape go na le batho ba ba sa ageleleng ditsha  tsa bone mme ba dirisa setlhare se se itsegeng ka leina la motsetsi mme a re se se ba ketefaletsa go dira tiro ya bone. 

O ne gape a re go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba tsiediwang ke dinokwane ka motho a kgona go rekisetsa batho ba le bantsi setsha se le sengwe a dirisa setsha se le sengwe.

O ne a rotloetsa morafe gore fa ba ngongorega kgotsa ba na le dipelaelo ba ka ikatumetse kwa diofising tsa bone kana kwa go ba sepodisi.

O supile fa go le botlhokwa fela thata gore batho ba kwadise ditsha ka lephata le na le maikaelelo a go dira ditlankana tsa boleng jo bo kwa godimo jo bo tlaa fokotsang bonokwane jo bo dirwang ke batho ba ba gwebang ka lefatshe e seng kafa molaong. 

O ne a tswelela a supa fa go kwadisa  ditsha go tsisa ditlhabololo le gone go fefosa ditlamelo ka ba nna le dipalo tsa gore go beilwe batho ba le kae e bile go setse lefatshe le le bophara bokae gore ba tle ba beye ba bangwe. 

O ne a rotloetsa batho ba ba sa nneng kwa metseng ya bone go ikwadisa ko lephateng lengwe le lengwe la kabo ditsha le le gaufi le bone mme a rotloetsa gore ba ba latlhileng ditlankana ba ye kwa dikgotleng go ya go dira mokwalo o o supang fa ba beilwe ka fa molaong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 09 Nov 2016