Breaking News

Bomme ba gakololwa go ikemela ka dinao

08 Nov 2016

Mothusa Mokwaledi wa khansele-potlana ya Bokone Bophirima, Mme Mogomotsi Seemule, o kopile bomme ba ba neng ba tsene ithutuntsho ya go  dira manyena le dibaga ka matlakala go tswelela ka tiro eo.

Mme Seemule o buile seo bosheng kwa kabong ditlankana e e neng e diretswe bomme ba ba neng ba rutiwa ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi wa Wena Environmental Education and NewsTrust go dira manyena le dibaga go tsweng mo matlakaleng.

Mme Seemule o ne a re e le ba khansele-potlana ba itlamile go thusa banana gore ba tswelele mo dikgwebong tsa bone ka go farologana.

Mothusa Mokwaledi o ne a atla mogopolo oo wa go dirisa matlakala mo kgwebong eo, a supa fa e ka tswela tikologo mosola thata ka gonne e abo e phepafadiwa.

“Ke eletsa go bona bomme ba e leng ditlhogo tsa malwapa ba tlhokomela ba malwapa a bone fela jaaka borre ba ka dira”, Mme Seemule a tlhalosa.

O ne gape a tlhalosa fa khansele e tshwaragane le namane e tona ya go leka go tokafatsa matshelo a batho ka jalo a rotloetsa baithuti go tsweledisa talente e ba e amuleng go tokafatsa matshelo a bone le a ba bangwe.

O ne a leboga ba Wena go bo ba bone go se thona go tsholetsa matshelo a bomme a supa fa ithutuntsho ya mothale o e lebagane le motho yo o maleba.

Fela jaaka Setswana se re ‘ mokoduwe go tsoswa o o itekang’, Mme Seemule o ne a tlhalosa fa ba rotloetsa batho ba ba nang le maikaelelo mo dikgwebong tsa bone.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mookamedi wa Wena Environmental Education and NewsTrust Mme Florah Mmereki o ne a tlhalosa fa dialogane di tlaa kgona go ipulela madirelo a tsone fela fa ba rata se ba se dirang.

Mme Mmereki o ne a kgothatsa dialogane go tsaya kgang ya go tlhokomela tikologo ka tlhwaafalo, a supa fa e le nako ya go lwantsha kgotlelesego ya tikologo go leka go babalela matshelo a bone.

O ne a supa fa maikaelelo a ithutuntsho e e le go nonotsha bomme. A tswelela ka go tlhalosa fa ba buile le ba lephata la peeletso papadi le madirelo go fokotsa go reka kwa mafatsheng a sele gore ba kgone go rotloetsa dikgwebo tsa mo gae.

O ne a supa matshwenyego a gagwe ka letlhoko la didirisiwa tse ba ka di dirisang go feletsa ba na le manyena le dibaga tse di ka kgatlhang leitlho la moreki.

Mongwe wa dialogane tsa ithutuntsho eo, Mme Margret Hawanga o ne a rotloetsa bangwe ka ene go tswelela ba itirela gore ba kgone go gatela pele mo botshelong.
Hawanga o ne a leboga lekgotla  leo a supa fa a ne a sa itse fa mabokoso a chibuku le dipanaki tsa mabotlolo di ka dira dilo tse dintle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : MAUN

Event : Kabo ditlankana

Date : 08 Nov 2016