Breaking News

Monana wa moroki o tsweletse kwa Mathathane

08 Nov 2016

Monana wa Mathathane, Mme Dikeledi Manyatsa, o itshetsa ka go dirisa botsipa jwa go roka, jo a bo tsereng kwa  sekoleng sa tiro ya diatla sa Molalatau Brigade.

Mme Manyatsa o thalositse mo potsolotsong   fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka ngwaga wa 2015, mme o roka paka ya sekole le ya ditlhopha tsa kgwele le diaparo ka go farologana.

A re o sa le a ithuta  go roka a sa ntse a le kwa sekoleng se segolwane sa Badale kwa Mathathane  mme ya re morago a ya go tsweledisa lerato la go roka kwa Molalatau Brigade ka ngwaga wa 2005 go fitlha 2007 kwa a dirileng ditlankana tsa Trade C le B.

Mme Manyatsa  a re go fetseng dithuto tsa gagwe o ne a simolola go roka mme a dirisa letlapa/motshini wa ga mmagwe o o rokang e le tsela ya go itshetsa mme e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a utlwalela lenaneo la nyeletso lehuma mme a ikopanya le ba ofisi ya boipelego go itse thata ka lone.

Kopo ya gagwe ka lenaneo la nyeletso lehuma e ne ya atlega   mme a tsena dithuto dipuisano tsa kgwebo sebaka sa beke kwa motseng wa Motlhabaneng ka ngwaga wa 2014.

Mme  Manyatsa  a re     e ne ya re ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa  2015 ba boipelego ba mo tsenya  dithuto  sebaka  sa kgwedi le dibeke tse pedi a dira e le setlankana sa  botsipa jwa tsa  boruki   ko Ramatea Vocational School kwa Kanye.

A re kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa   2015 metshine e e rokang le mekgabisa e ne ya tlisiwa le P6 000 gore a ithekele matsela go simololodisa kgwebo ya gagwe.

Mme Manyatsa a re kgwebo ya go roka e tlisitse phetogo mo botshelong ja gagwe le fa go na le dikgwetlho tse a kopanang natso jaaka kgaogo ya motlakase e e diragalang kgapetsakgapetsa, letlhoko la bareki mme le ama kgolo ya kgwedo ya gagwe.

O supile fa kgwebo e e le  thuto mo go ene e bile  e le boswa jo   a  ka se kakeng a  bo tseelwa ke ope. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sarona Keletso

Location : MATHATHANE

Event : Potsolotso

Date : 08 Nov 2016