Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ke dikiteo

08 Nov 2016

Kgosi Goitsheka Hetanang wa Tonota a re o tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa dipego tsa dikiteo mo motseng wa gagwe.

Kgosi Hetanang o ntshitse matshwenyego a mo potsolotsong bosheng. A re mapodisi ga a bone boroko ka ntata ya dipego tsa dikiteo tsa baratani.

O tlhalositse fa dikiteo tse di diragala segolo bogolo kwa marekisetsong a majalwa ka dinako tsa maitiso, mme e bile di ama batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.

O ne a supa fa se se ngomolang pelo ka dikiteo tse, e le gore di setse di akaretsa le bagolo ba a reng e ka bo e le bone ba ba kgalemang bana.
A re gape di rotloediwa ke go nowa ga majalwa mo go feteletseng e bile go sa obamelwe dinako tsa thekiso ya majalwa.

Ke gone ka moo Kgosi Hetanang a neng a ikuela mo morafeng wa gagwe go ikgapha mo mekgweng ya go nna jalo ka e ka ba senyetsa bokamoso.

O ne a tlatsa ka go tlhagisa gore fa batho ba tlhokile kutlwisisano ba itlotle ba nne fa fatshe ba bue ka jaana Motswana a rile ntwa kgolo ke ya molomo e bile molemo wa kgang ke go buiwa.

A re fa kgang e pala ba tshwanetse ba kopa thuso mo go ba ba lebaneng ba akaretsa ba sepodisi, boipelego kgotsa ditsala tse ba di tshephang. Go sa le foo Kgosi Hetanang o kgadile bobe mokgwa wa batho ba ba nnang mmogo lobaka ba sa nyalana a re mokgwa oo ke one o rotloetsang diphapaang mo malwapeng.

A re fa batho ba nyalane ka fa molaong ba neelwa thuto e e tseneletseng ya malwapa mme seo se tile dikgang tsa dikiteo. Mo go tse dingwe kgosi o ne gape a supa matshwenyego a banni bangwe ba ba tsweletseng ka go thapa batswakwa e se ka fa molaong le ntswa ba itse gore go dira jalo ke molato.

A re mo bekeng e e fetileng ba nnile le ditsheko di le mmalwa tsa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong a re Batswana bangwe ba na le seabe mo go rotloetseng dirukutlhi tsa go nna jalo ka jaana bangwe ba feletsa ba nna le malwapa mono.

A re go dira jalo ke tlolo molao e Batswana ba tshwanetseng ba e hema ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba sala morago tsamaiso e e leng teng go thapa batswakwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 08 Nov 2016