Batsadi ba kopiwa go fa bana lerato
08 Nov 2016
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Gobojango, Mme Keorapetse Mmapetla o kopile batsadi go fa bana lerato gore ba kgone go ithuta ba sosologile.
O buile ka Labotlhano (Ngwanatsele a le malatsi a le mane), kwa sekoleng seo gore go tlhoka go duelela bana sekole go kgona go dira gore ngwana a seka a ithuta sentle mo go ka dirang gore a felele a palelwa mo dithutong tsa gagwe.
O kopile batsadi go ikitaya ka thupana go bona gore bana ba tla sekoleng ba le phepa ka dinako tsotlhe.
A re o lemogile gore bontsi jwa batsadi ba dira kwa lenaneong la ipelegeng ka jalo ba theogela pele ga bana ba ya sekoleng.
Mme Mmapetla a re seo ga se a tshwanela go itsa batsadi go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng ba le mo seemong se se kgatlhisang pele ga ba ka ya go tlheogela kwa ipelegeng.
A re batsadi gape ga ba tsene diphuthego ka dipalo tse di itumedisang mme se e le sesupo sa letlhoko la go tlotla sekole.
Mme Mmapetla a re batsadi ba tshwanetse go tlhaloganya gore barutabana ba le nosi ga ba kake ba kgona ngwana mme fa barutabana ba tshwaraganetse ngwana le batsadi go ka tlhofofaletsa ngwana tiro ya gagwe ya sekole.
Mo dikgangnyeng tse dingwe Mme Mmapetla o tlhaloseditse batsadi gore komiti ya bone e tsere tshwetso ya go tshwara leruo le le jang ditlhare tsa sekole mme beng ba lone ba le rekolole ka madi a a kanang ka P50.
A re ba tsere tshwetso e ba sena go itemogela fa dipodi di le dintsi di tsena mo sekoleng mme di senya mekgabisa le go ja ditlhare.
E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Tsholofelo Olatotse a kopa batsadi go apesa bana paka ya sekole e e farologaneng go ya ka malatsi a beke.
A re bana ba phakisitswe paka ya sekole botlhe ke mopalamente wa kgaolo Rre Shaw Kgathi mme o kopile go apesa bana paka eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Monosi Cletus
Location : GOBOJANGO
Event : Phutego
Date : 08 Nov 2016






