Breaking News

Thuo ya dinotshi e na le bokamoso - Morake

08 Nov 2016

Rre Thatayaone Morake yo o thusitsweng ka lenaneo la banana la Youth Development Fund (YDF) a re thuo ya dinotshi e ka thusa mo go tlhabololeng matshelo a bone.

Fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Morake o tlhalositse fa go ruwa dinotshi go fetotse thata botshelo jwa gagwe ka jaana a kgona go ijesa gape go mo file sebaka sa go amana le batho ba ba mo thusang gore a bulege tlhaloganyo ka fa a ka tsamaisang kgwebo ka teng.

Rre Morake, yo o dingwaga tse di masome a mararo le botlhano,  o dirile dithuto tse dikgolwane  tsa temo-thuo kwa Universithing ya Tshwane kwa Afrika Borwa ka ngwaga wa 2001 go fitlhela ka 2005.

Ya re a tla mo gae, ofisi ya banana ya mo thusa ka madi a a kana ka P100 000 ka Morule ngwaga e e fetileng go simolola kgwebo ya gagwe ngwaga ono ka kgwedi ya Seetebosigo.

O supile fa lerato la gagwe mo dinotshing le sale le simologile a sa le mmotlana a tshwara dinotshi a na le ba a neng a gola le bone ba batla mamepe mme a sena kitso ya gore mme di ka dira eng mo botshelong jwa gagwe.

Rre Morake o supile gore go ruwa dinotshi go mo tsisetsa madi ka methale e le mentsi jaaka go rekisa mamepe/tswine, go hirisetsa balemi dinotshi ba di dirisa mo temong ka di kgona go oketsa thobo fa di nna mo sethareng di tsaya modula ka maoto di bo di nna mo sethareng se sengwe, gape o kgona go  bitswa ke batho go tla go ntsha kgotsa go tshwara dinotshi mo ditlhwatlhwa tsa teng a di bayang a lebeletse bokete ja tiro.

O tsweletse ka go tlhalosa gore dinotshi di dira madi jaaka go rekisa motshitshi, fa o se mo bokosong o o rekisa P300 mme fa o le mo lebokosong o o rekisa P1 500 go fitlha kwa go P2 000.

A re motu wa dinotshi o o dirisa go dira setlolo sa mmele (body lotion) le setlolo sa molomo.

Rre Morake o tlhalositse fa a na le tumalano le ba Serowe Bee Keepers Association ba e leng gore le bone ba reka tsina mo go ene mme ba e rekise.

Monana yo a re o tsene mokgatlho o, o e bileng e le mokwaledi mo go one ka ngwaga wa 2010 ka a ne na le lerato la thuo ya dinotshi.
 

A re mokgatlho o o tshwara dithuto seka dipuisano tse di rutang dilo tse dintsi jaaka gore dinotshi di tshwarwa jang le tse dingwe tse di amanang le thuo ya dinotshi.

Rre Morake o nnile a supa gore go nna ka fa tlase ga mokgatlho o go mo thusitse fela thata ka gore go mo file sebaka sa go itse dilo dingwe tse di amanang le kgwebo ya gagwe jaaka bo go fetolwa ga melao le go tsaya karolo jaaka ba a tle ba bitswe go tla go tsaya karolo mo go direng melao ya dinotshi.

Morui yo mongwe wa dinotshi Mme Bonolo Keolehele yo o e bileng le ene e le leloko la mokgatlho wa Serowe Bee Keepers Association o tlhalositse fa Rre Morake e le ene a mo rotloeditseng go ruwa dinotshi ka a ne a lemoga kgatlhego ya gagwe mo dinotshing.

Mme Keolehele le ene o nnile a supa  botlhokwa ja mokgatlho o a re o mo thusitse thata ka jaana ene e rile a simolola o ne a na le lebokoso le le lengwe le le dirilweng ka mmu mme ka e le leloko la mokgatlho ba ofisi ya temo-thuo ba mo thusa ka mabokoso a dinotshi.

Rre Morake a re lorato la gagwe mo go rueng dinotshe le go nna ka fa tase ga mokgatlho go mo thusitse thata ka go mo file sebaka sa gore e nne mongwe wa banana ba ba ileng ba tlhophiwa ke ba lekgotla la Centre For Agricultural Research and Development for Southern Africa (CARDESA) ba tshwaragane le ba lekgotla la Techno Serve go tsena dithuto tsa dibeke tse pedi ka thuo ya dinotshi ko Swaziland ka ngwaga wa 2014.

O tsweletse ka go tlhalosa gore nngwe ya dilo tse di botlhokwa tse a di ithutileng ko dithutong tseo kwa Swaziland ke gore o ka dira setsidifatsi se se tlhotlhang tsine mo mamepeng ka go dirisa lebone le le laolang bothitho le nyerolosa motu eseng go dirisa mothale wa bogologolo o o tlwaelesegileng wa go dirisa molelo le letsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikobo Monageng

Location : SEROWE

Event : Potsolosong

Date : 08 Nov 2016