Ditlhare di tshedisa Batswapong
08 Nov 2016
Kgaolo ya Tswapong ke nngwe ya dikgaolo tse di humileng ditlhare.
Go tsweng bogologolong, morafe wa Tswapong o dirisetsa ditlhare tseo ditiro tse di farologanyeng go ya ka fa bone ba bonang gore ba ka di dirisa ka teng bogolo jang mo go tsa itshetso.
Dingwe ditlhare di jewa maungo a gape a kgonang go rekisiwa, dingwe go dirisiwa matlhare le medi ya tsone go dira melemo ya setso fa tse dingwe di dirisiwa ke babetli go dira didirisiwa ka go farologana jaaka dikika, metshe, mafetlho le mekgabisa gareng ga tse dingwe.
Sengwe sa ditlhare tse di fitlhelwang mo kgaolong ya Tswapong e bile se jewa maungo ke sa Motlha.
Setlhare sa Motlha ke setlhare se se golang boleele thata ka matlhare a a kitlanyeng, thito ya sone e le kimakima e bo e nna khutshwane, maungo a sone fa a ise a butswe a nna matala fela jaaka matlhare mme fa a setse a budule a nna marokwa.
Le ntswa setlhare se se fitlhelwa mo Tswapong, ga se fitlhelwe gongwe le gongwe ka jaana mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami e e nang le metse e ka tshwara lesome le botlhano setlhare se se bonwa fela mo metseng e meraro ya Sefhare, Borotsi le Chadibe.
Kwa Sefhare, setlhare se se sentsinyana go na le kwa Borotsi le Chadibe.
Tota setlhare se, se itsege ka leina la Motlha mme kwa Sefhare sengwe sa ditlhare tseo se e reng fa motho a le fa kgotleng kgolo ya motse oo a bo a se lebela kwa bophirima tsatsi ka fa molemeng se le sekgelenyana fela go tswa teng fa kgotleng se teilwe leina gatwe Mmamoremedi.
Leina le la Mmamoremedi ke leina le le setseng le tlwaelesegile thata mo motseng oo go bitsa sone setlhare seo fela se le nosi fa tse dingwe di bidiwa fela gotwe Motlha. Motho jaanong o ka kgatlhegela go batla go itse gore ka goreng setlhare seo se teilwe leina leo le okareng go bidiwa motho. Go ya ka mongwe wa mabutswapele a motse wa Sefhare, Rre Legapu Modise, setlhare seo ke sone sa ntlha sa Motlha se e rileng fa ba tlhalefa ba bo ba fitlhela se setse se godile.
Rre Modise yo o dingwaga di masome a a robang bobedi le bobedi o tsweletse ka gore go bapa le sone setlhare seo go ne go le tshimo e tona yoora Khama e bile e berekwa ke batho ba bantsi thata.
A re babereki ba tshimo eo ba ne ba nna ba itapolosa fa setlhareng seo, a tlatsa ka gore ka dinako tsa morago ga thobo ditiro di tshwana le go photha mabele di ne di direlwa fa setlhareng seo.
A bolela gape gore e ne e re fa basimanyana ba disitse leruo, ba ete ba huba maoto fa go sone.
A re gape le batho ba motse ba ba neng ba dira ditiro tsa diatla ka nako eo jaaka go betla le go loga ba ne ba rata go phuthegela fa go sone go tla go direla ditiro tsa bone teng go tserwe dikgang go le monate.
Bana le bone Rre Modise a re ba ne ba rata thata go tshamekela fa go sone ka dinako tsa motshegare ka jaana setlhare seo se le setona e bile se na le moriti o o kitlanyeng.
“E ne e re ka nako ya fa setlhare seo se ungwile, bagolo le bana ba ne ba nna fela koo go jewa maungo a sone a a neng o ka fitlhela a le mantsi e re fa a budule sentle fa o leba kwa godimo go bo go bonala borokwa fela,” ga bolela monnamogolo Modise.
A tswelela ka go tlhalosa gore ka jaana batho ba ne ba lemoga fa setlhare seo e le boremelelo ja bone, ba ne ba se bitsa leina ba re Mmamoremedi ke ka moo le jaana dikokomane tsa gompieno di fitlhelang leina leo e bile le bone ba le dirisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : SEFHARE
Event : Potsolotso
Date : 08 Nov 2016






