Kgotlana ya Mopako e batla komiti ya yone
07 Nov 2016
Banni ba kgotlana ya Mopako kwa Maun ba supile ka bongwe fela jwa pelo molemo wa go ikemela ka nosi le go nna le komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Banni ba, ba e neng e le karolo ya kgotla ya Boyei, ba buile se bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke morongwa wa kgotlana ya Mopako, Rre Tshematshe Monwela.
Rre Monwela o ne a lekodisa morafe ka thomo e ba neng ba mo e beile pele, ene le lekoko la gagwe, ya go isa ikopelo ya go ikemela ka nosi le go nna le VDC ya bone.
Rre Monwela o thalositse fa kgotla ya Boyei e imelwa ke ditiro le go anamisa ditirelo ka e okametse dikgotlana di le mokawana gape di le bophara, A re fa kgotla ya Mopako e ka ikemela ka nosi banni ba tlaa akola ditlamelo le ditirelo sentle ka nako le ka tekatekano.
O supile fa puso e amogela gore motse o tshwanetse go bo o na le Banni ba feta makgolo a matlhano, ke gone fa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) e ka tlhamiwang, go diragatsa ditlhabololo tsa motse.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgotlana ya bone e na le palo ya batho ba ba fetang makgolo a matlhano, ka jalo, se e ka se nne sekgoreletsi.
VDC ya kgotla ya Boyei e ka se kgone di kgotlana di le nne go di okamela le go isa ditirelo ko banning ba tsone ka nako e le ngwe fela, a tlhalosa jalo.
Rre Monwela o boletse fa lehuma le tlhasetse banni, mme puso e rotloetsa Batswana go ikopanya go tlhama dikoparase go nyeletsa lehuma mo matshelong a bone.
Rre Monwela a re boitseme mo bathong bo busetsa morago ditiro tsa morafe.
O ne a tswelela a thalosetsa banni ka molao motheo o mosha,o o tsamaisang dikomiti tsa dithabololo tsa motse (VDC).
A re motho ga a kake a letlelelwa go tsaya karolo mo go tsamaiseng VDC , fa a kile a dira molato, a bo a tlhalosetsa morafe gore VDC morago ga sephatlo sa ngwaga e romela pego ko khanseleng, e supa ka fa ba tsamaisitseng ditirelo ka teng mo motseng.
Morafe le one o ne wa nna le sebaka sa go akgela , Rre Modiri Mogapi o thalositse fa sedibeng go iwa ka tsela.
O rotloeditse banni gore ba tshwaragane ba nne ka tsholofelo ya gore se ba se eletsang se tlaa tsisa molemo mo matshelong a bone. Rre Sebeilwe Tsaro le ene o tlhalositse fa a lebogela tshwetso e e tserweng ke banni.
O kaile fa se se tlaa dira gore kgotlana ya bone ya Mopako e itsege, ka e ntse e sa itsege mo bathong ka bontsi mo Maun.
O ne a tswelela a tlhalosa fa go itlhamela koporase mo motseng go tlaa go tlhama mmereko mo bananeng ba kgotlana ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omaatla Makgetho
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Nov 2016






