Mogwebi kwa Lerala o supa kgatelopele
08 Nov 2016
Mookamedi wa marekisetso a Eureka kwa Selebi Phikwe, Rre Bennedict Pillai, o kopile banni ba Lerala le tikologo go rotloetsa mogwebi yo o tswang kgakala a dira le bone wa marekisetso a Itseele, Mme Mosamarea Lekula.
Fa a bua kwa tshimolodisong semmuso ya marekisetso a Itseele a a tlaa bong a gweba ka fa tlase ga Saverite kwa Lerala bosheng, Rre Pillai o boletse fa a sale a nnile le botsalano le Mme Lekula mme a mmona e le mogwebi yo o golang nako le nako.
Ka jalo a re go bo marekisetso a Itseele a tla a dira ka fa tlase ga a Saverite go supa fa e le ruri Batswana ba dira sentle mo go tsa kgwebo. A re o simolotse go gweba mo lefatsheng leno ka ngwaga wa 2006 mme a nna le botsalano jwa tsa kgwebo le Mme Lekula.
A re marekisetso a Saverite a tla a tlhabolola Lerala go nna motse o mogolwane ka banni ga ba na go tlhola ba ya mafelong a a kgakala jaaka Palapye go reka tse ba di tlhokang jaaka dijo tsa kgwedi le kgwedi le tse dingwe tse ba di dirisang kwa malwapeng a bone.
A re Eureka e tlaa tswelela e bula marekisetso a Saverite mo metseng e metona ya Tswapong e jaaka Sefhare, Tumasera le Machaneng go fokoletsa banni mosepele go ya Mahalapye le Palapye.
O ne a rotloetsa bagwebi ba bangwe go ithuta mo go Mme Lekula ka a simolotse le bone a santse a le monnye mo kgwebong go fitlhelela a tsena mo seemong sa go gweba e le Saverite.
Mothusa kgosi kwa Lerala, Kgosi Ookeditse Shaw, o ne iteela Mme Lekula legofi ka go nna pelotelelele mo kgwebong ya gagwe.
A re kgwebo ya ga Mme Lekula e simolotse e le potlana fela thata e bile gape e thusa batlhoki thata ka jalo a rotlotsa Mme Lekula go tswelela a dira jalo.
Mme Lekula o ne a supa fa banni ba motse wa Lerala le metse e e mabapi ba nnile le thotloetso e kgolo fela thata go fitlha fa a leng teng.
A re o ne a golagana le ba Saverite go dira gore bareki ba gagweba reke ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlasetlase go na le pele.
A re ntswa a ne a tshoga pele fa a itsalanya le ba Saverite gore gongwe ga go na go tsamaya sentle kwa bofelong o ne a lemoga fa a direla bareki ba gagwe sentle. A re o tla a tswelela a ntse a rotloetsa batlhoki fela jaaka a ntse a dira.
O ne a leboga puso go bo e nnile le seabe se segolo mo go rotloetseng marekisetso a gagwe ka a phakisa batlhoki ka lenaneo la puso mme seo se godisitse marekisetso a gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Tshimolodisong semmuso ya marekisetso
Date : 08 Nov 2016






