Kgwebo e tlhoka lerato le bopelotelele
06 Nov 2016
Mookamedi wa kgwebo ya Mother Earth Flourist, Mme Lorato Toto, a re lerato la gagwe mo dithunyeng ke lone le mo gwetlhileng go bula kgwebo ya mofuta o.
Mogwebi yo, a re le ntswa kgwebo e e na le dikgwetlho, o ikemiseditse go di tila ka methale yotlhe gore e atlege. O buile se mo potsolotsong kwa Serowe bosheng.
Mme Toto a re lerato la dithunya le dirilwe ke gore le kwa lwapeng ba lema dithunya le ditlhare ka go farologana ga tsone mme se sa tsisa kgatlhego e ntsi mo go ene selo se se neng sa tsisa mogopolo wa go bula kgwebo e.
O ne a tlhalosa fa a reka dithunya kwa Afrika Borwa, a bo a di kgabisa ka manontlhotlho go ka oka batho.
Mme Toto a re le ntswa go na le dikgwetlho, kgwebo ya gagwe e dira sentle. A re mo bogompienong bareki ga ba ise ba tlhaloganye sepe ka dithunya mme a kaya fa bareki ba tlhoka thuto e e tseneletseng ka dithunya.
Mogwebi yo, a re dithunya tsa gagwe o di reka kgakala fa gongwe e re di tla go goroga mo madirelong di bo di senyegile ka jalo a ikuela mo Batswaneng go ka bona se, e le monyetla go lema dithunya gore bagwebi ba tsone ba di reke bogautshwane go sena ditshenyegelo tse di kalo.
Mme Toto a re nngwe ya dikgwetlho tse a kopanang natso ke ya letlhoko la dipalamo go isetsa bareki ba gagwe dithunya ba ba nnang ko mafelong a a kgakala le fa a rekisetsang teng.
Mogwebi yo, yo o thusitsweng ke ba Lephata la banana, o ne a re ntswa madi a ba a fiwang a se mantsi mme a ka kgontsha monana go simolodisa kgwebo, a re ke ka seo motho a tshwanetseng go tlhwaafala go netefatsa gore lemmenyana le a le bonang o le dirisa go atolosa kgwebo ya gagwe.
O ne a re fa motho a batla go dira se a se ratang o tshwanetse go tsepama mo go sone ka go se dira ka lorato le bopelotele go sena boithobogo mo teng.
Mme Toto o ne a kgala thata banana gore ba lese go ikaega fela ka puso gore ke yone e tla a ba thusang ka dinako tsotlhe, a kaya fa le bone ba tshwanetse go itirela ka diatla tsa bone go intsha mo lehumeng le go itlhamela mebereko.
Mongwe wa bareki ba dithunya tseo, Mme Sikhonziso Bagwasi a re dithunya tse a di rekang kwa Mother Earth Flourist di pharologanyo le tse dingwe, a kaya fa barekisi ba bangwe o fitlhela ba rekisa dithunya tse di senyegileng e bile di swabile fa Toto ene a ba rekisetsa tse di itekanetseng ka dinako tsotlhe.
Mme Sekhonzizo o supile fa Mme Toto a itse go tshwara sentle bareki le go tsisa dithoto ka nako.
Mme Bagwasi o kaile fa a itumelela tirisanyo mmogo ya mogwebi yo, ka a reetsa dikgwetlho le dilelo tsa bone mme a siamise tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Kgosikhumo
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2016






