Leuba le tlhasetse Metsimaswaane
06 Nov 2016
Barui ba moraka wa Metsimaswaane kwa kgaolong ya Bobirwa ba lela selelo sa mmaiyoo ntateng ya leuba.
Mo potsolotsong bosheng, mongwe wa barui ba meraka eo, Rre David Selema o tlhalositse fa dikgomo tsa gagwe ga mmogo le tsa meraka e e mabapi di simolotse go wa ka lebaka la mopalo.
Rre Selema a re dikgomo ka bontsi di setse di pharama ka lebaka la letlhoko la metsi le bojang kwa Metsimaswaane.
A re dikgomo di setse di koma mmu, fa didiba tsone di setse di kgadile a tlatsa ka gore o kopile go nosa dikgomo tsa gagwe metsi mo merakeng e e mabapi.
Rre Selema o kaile fa a simolotse go reka dijo tsa leruo go jesa dikgomo tsa gagwe.
A re kgomo fa e mona letswai e kgona go itsetsepela lebakanyana.
Rre Selema a re ntswa le fa sika loo podi le kgona go itsetsepela mo dipakeng tsa leuba, monongwaga seemo ke se se thata ka gore dipodi le tsone di simolotse go nyelediwa ke leuba.
A re leuba le le aparetseng moraka wa Metsimaswaane monongwaga ke le le kwa godimo mo e bileng a setse a batla go fudugelwa kwa Gwanyong go bapa le noka ya Shashe ka gone go sa ntse go na le phulo e e botoka.
Rre Selema a re ditonki le tsone di setse di amilwe ke seru sa leuba ka jalo temo e ka nna ya pala segolojang mo baleming ba ba ikaegileng ka ditonki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotsong
Date : 06 Nov 2016






