Breaking News

Monana o rotloetsa balekane go dirisa mananeo

06 Nov 2016

Mogwebi wa monana kwa kgaolong ya Ramonaka, Rre Emmanuel Nkwe, o rotloeditse banana go dirisa mananeo a puso go fetola matshelo a bone, segolo thata la Youth Development Fund (YDF).

Rre Nkwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano, a re lenaneo la YDF le mo tshedisitse dinokana di tletse ka le ne la mo thusa ka P100 000. A re e rile ka 2014 a abelwa madi ao go simolodisa kgwebo ya go lema merogo.

“Temo e mo mading a me, ke godile ke rata go lema mme e rile go lemoga lerato lame le bokgoni jwa me mo temong ya merogo, goromente a nkisa dithutong tsa temo ya merogo kwa Sebele,”  A tshwaela.

Rre Nkwe o tlhalosa gore temo ga se dilo tsa bagologolo, banana ba tshwanetse go inaakanya le temo gonne e na le dipoelo e bile ke yone tsela ya go dira dijo.

Le fa go ntse jalo, a re kgwebo ya temo e tlhoka lorato, bopelotelele le boitseanape jo bo tlhomameng go emelelana le dikgwetlho tsa go fetoga ga loapi.

A re ke ka moo banana ba tshwanetseng go tsaya temo ka tlhoafalo ka gore ba santse ba na le thata.

“Kgwebo ya me e na le dingwaga tse tharo mme ke lema cabbage le maphutshe ka gore di bogadi bo gaufi gape ke na le bokgoni le boitsenape mo temong ya tsone. Ngwaga le ngwaga ke lema tshimo ya selekanyo sa ekere le sephatlo mme ke kgona go ungwelwa ditlhogo tsa cabbage kgotla maphutshe a le magareng ga 10 000 go ya go 25 000. Ke rekisetsa madirelo a tshwana le Spar le Shoprite.”

O boletse gore sephiri sa gagwe ke go dira ka thata le go ntsha maungo a boleng jo bo kwa godimo.

Rre Nkwe o gwetlhile banana go tlhokomela dikgwebo tsa bone go itsa gore di phutlhame. A re o kgona gore fa diemo di le thata a kope dithuso kgotsa a bereke ditironyana tse dingwe mme a dire madi a go reka menontshane le tse dingwe tse di tlhokafalang.

A re o kgonne go reka pompo ya go goga metsi mo nokeng ya Madikwe go nosetsa, mathompho le go tsenya terata go kganela dikubu ka a ne a simolotse a ageletse ka logora. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Karabo Molosi

Location : RAMONAKA

Event : Potsolotso

Date : 06 Nov 2016