Kgamane o rarabolola kgang ya Ditimamodimo
06 Nov 2016
Motshwarelela bogosi jwa gaMmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, o fedisitse kgaruru ya dingwaga tse tlhano e e neng e lebane bogosana jwa Ditimamodimo.
Banni ba amogetse tshwetso ya gagwe ka bongwefela jwa pelo.
Se, se tlhomamisitswe ke Kgosi Elijah Makgoeng yo a neng a romilwe ke Kgosi Kgamane go isa leina la ga Rre Botswelelo Mogapi kwa Ditimamodimo.
“E rile Kgosi Kgamane a lemoga fa go tsogile kgaruru ya bogosana jwa Ditimamodimo a dirisa tsamaiso ya Sengwato ya setlhanka go tlhoma Rre Botswelelo Mogapi mo bogosaneng,” Kgosi Makgoeng a tlhalosa.
O tlhalositse fa setlhanka e le mokgwa wa Sengwato wa go neela batlhanka ba kgosing maemo.
Are Kgosi Khama III o ne a o dirisa mo dikgotleng tse nne tse a di tlhokometseng gore bana ba gagwe ba seka ba nna dikgosana tsa tsone mme ba nne balebeledi ba tsone gore ba tle ba akole tlotla ya go bo e le ba lesika la bogosi.
Ka jalo, a re Rre Kgamane o dirisitse se go fedisa kgaruru e bangwe ba bogosi ba neng ba batla go e tsosa ya gore kgotla ke ya bone mme ba batla go e tsaya mo go ba ba ntseng ba e tshwere.
Rre Mogapi o tlhongwa mo bogosaneng jo jaana go tlhatlhama Rre Seretetse Tshukudu yo erileng ka 2009 a tlhatlosiwa maemo go tsweng kwa Ditimamodimo a ya go berekela ko kgotleng kgolo gone mo Serowe.
Kgosi Makgoeng a re ka go bo morafe o dumalane le tshwetso ya ga Kgosi Kgamane leina la ga Rre Mogapi le tlaa fetela kwa go tona wa dikgaolo le tlhabololo magae go rurifadiwa jaaka e le tsamaiso ya molao mme morago Rre Mogapi a kgone go bereka ka tshosologo.
Fa a ntsha la gagwe mabapi le go tlhongwa mo maemong, Rre Botswelelo Mogapi o tlhalositse gore batsadi ba gagwe e ntse e le bone ba gotsang molelo wa kgotla ya Ditimamodimo.
A re rraagwe o tlhokafetse ka 1977 a ne a tshwere bogosana jo mme ka 1979 ga tlhokafala rangwaneagwe le ene a ne a bo tshwere.
O tlhalositse ka gore go bereka mo lephateng la dikgolegelo kwa a tlogetseng tiro teng ka 2003 ke gone go dirileng gore e re morago ga go tlhokafala ga ga rangwaneagwe go tlhongwe batho ba ba farologaneng go nna dikgosana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkutule Selathwa
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2016






