Banana ba itshetsa ka dikgong
06 Nov 2016
E re ka letlhoko la ditiro le ile magoletsa, bangwe ba iphitlhela ba le mo seemong se ba tshwanelwang ke go tla ka metlhala ya go itshetsa.
Kwa Mosepele, bangwe ba go nna jalo ke Rre Karabo Mosimanegape le Rre Othusitse Takane ba ba neng ba tla ka leano la go dirisa ditlhare tsa naga go itshetsa.
“Tsatsi le letsatsi re tsena mo nageng ka dilepe re rema ditlhare tse di omileng,” go bua Rre Mosimanegape. A re ditlhare tse ba di remang go le gantsi ke tsa moselesele le mosu.
A re batho ba kgatlhegela mapako thata ka ba a dirisa go aga le go dira ditlhomeso tsa matlo a bone. Rre Mosimanegape a re ka gore ga ba na koloi e e ka ba isetsang dikgong tseo kwa ba batlang di ya teng, ba di tlogela fa ba di remelang teng mme moreki a tle go di itseela ka nako ya theko.
Rre Takane a re ba rekisa dikgong tse di gotsang molelo le mapako.
“Ditlhwatlhwa tsa dikgong di a farologana di simolola ka P5 go ya kwa godimo,” go bua Rre Takane.
Le fa go ntse jalo, a re ga se dinako tsotlhe tse ba iphitlhelang ba rekisitse dikgong mme le fa go ntse jalo ga ba tlelwe ke boitlhobogo ka ba itse fa malatsi a sa tle ka go tshwana.
Rre Mosimanegape a re le fa a sa ntse a le mo go tsa thekiso ya dikgong jaana, ga a itlhobogela foo, o sa ntse a na le thulaganyo ya go ikopela dithuso mo mananeong a puso gore a itshimololele kgwebo. A re o na le keletso ya go dira kgwebo ya dikoko.
O kgothaditse banana jaaka ene go seka ba ineela mme ba nne ka tsholofelo ya gore dilo di tlaa siama.
A re ditsela tsa go itshetsa di dintsi a tswelela ka gore madi a dikgong a a mo tshetsa mme ebile o kgona go tlhokomela le bana ba gagwe ba babedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : MOSEPELE
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2016






