Tikologo e e phepa e babalela botsogo
06 Nov 2016
Mogokaganyi wa ditirelo tsa mananeo a nyeletso lehuma kwa Francistown, Rre Louis Mlilo, a re bophepa bo ka thusa go lwantsha dikgang tse di tlhotlheletsang lehuma.
Rre Mlilo o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re mangwe mabaka a lehuma ke a a tlhokang phephafatso.
A re bangwe batho ba tsweletse ka go amiwa ke lehuma ka jaana ba na le mowa wa boitseme go ka phepafatsa tikologo e ba nnang mo go yone bogolo thata mo malwapeng. O boletse fa bophepa bo o fa seriti e bile bo rotloetsa kelelo le pabalesego ka jaana bo dira gore dilo di faphiwe, tse di sa tlhokegeng di latlhiwe ka tsela e e babalesegileng, tse dingwe di bewe ka maemo a a kgatlhisang.
Rre Mlilo a re go tlhoka go diragatsa bophepa ka dinako tsotlhe go baka kgotlelesego ya tikologo e phelelong e ka tlhagogisang malwetse le tse dingwe tse di ka bayang matshelo a batho ka fa mosing.
Go sale foo, Rre Mlilo a re ntswa maano a go ka nyeletsa lehuma a tsweletse ka go atolosiwa a bo a tokafadiwa, sebe sa phiri ke gore bangwe ba ba a filweng ga ba nne tlhaga.
A re bangwe ba go nna jaana ga ba na sepe se se fetogileng se go ka tweng ke maduo a dithuso tse ba di filweng. Rre Mlilo o bile a re maikaelelo a mananeo a ga se go ntsha ope ka luso logolo, a re batho ba a tshwantshanye le ditiro ka go farologana tse bontsi bo phakelelang kwa go tsone e bile di tsewa ka tlhwaafalo, e re morago ba bone dikatso.
A re se se pharologanyo ka mangwe mananeo a e bile se kgatlhisa ke gore a mangwe a bogadi bo gaufi ka jaana dikatso tsa one di tsena gangwe le gape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2016






