Mapodisi a tlhotlhomisa leso la mosadi
03 Nov 2016
Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa leso la mosadi yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi wa kgotla ya Letsibogo.
Mo potsolosong, mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Rre Michael Maphephu, o tlhalositse fa go lebega mme yoo le mokapelo wa gagwe ba ne ba tlhoka kutlwano mme mmelaelwa a itaya moswi ka hamole.
A re tiragalo eo e diragetse ka Mosupologo maphakela.
Rre Maphephu a re tiragalo e e bonwe ke mosimane yo o dingwaga tse di lesome mme a begela bagolo ba ba neng ba begela mapodisi, mme ba ragosetsa mosadi kwa sepateleng kwa dingaka di fetileng tsa rurifatsa fa a tlhokafetse.
A re setopo sa gagwe se kwa setsidifatsing sa sepatela sa Letlhakane se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka.
Rre Mphephu o tlhalositse fa mmelaelwa a ne a fitlhelwa mo nageng a lekile go ikgapela botshelo ka kgole mme ya kgaoga a leka gape go itlhaba ka thipa mo le gone leso le neng la retela.
A re ba ne ba mo ragosetsa kwa sepateleng sa Letlhakane kwa a neng fetisetswa kwa go se segolwane sa Nyangabwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oaitse Ntshasang
Location : LETLHAKANE
Event : interview
Date : 03 Nov 2016






