Breaking News

Se rweseng bana morwalo

03 Nov 2016

Dibui ka go farologana kwa moletlong wa kabo dietsele o o neng o tshwerwe bosheng ke sekole se sebotlana sa Mathiba kwa Maun di supile batsadi ka monwana di re ba na le seabe mo kwelong tlase ya maduo a dithuto tsa bana ba bone.


Dibui tseo tsa re se se dira gore bana ba inaakanye le tlhakanelo dikobo ba le bannye ka tumelo ya gore borre ba bagolwane ba tlaa ba fa tse batsadi ba bone ba sa kgoneng go di ba direla.


Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane go tswa kwa Love Botswana Outreach Mission, Dr Ditshupo Selepeng o supile fa batsadi ba dira bana ba bone ditlhogo tsa malwapa ka ba tlhokomela bomonnabone, selo se se dirang gore maduo a bana mo dithutong a wele kwa tlase.


O ne a supa fa ba ne ba na le kgang e mo go yone ba neng ba kopana le ngwana yo a neng a tlhokomela bomonnawe ba le bane, fa motsadi wa bone ebong mmaabone a ineile naga, a nna le mokapelo wa gagwe yo ba kopaneng mo marekisetsong a bojalwa.


Dr Selepeng o ne a tswe

lela a re go na le batsadi bangwe ba go ka tweng ba gweba ka bana ba bone ka ba bulela borre ba batona mabati gore ba ratane le bana ba bone gore morago banna bao ba ba fe madi le go ba direla tseo tse ba di tlhokang mo malwapeng a bone.


O ne a tlhalosa fa ba ne ba kopane le ngwana mongwe wa mosetsana mo kgotleng ya Sedie yo o neng a supa fa a gweba ka mmele wa gagwe ka maikaelelo a go tlhokomela bomonnawe ka gore motsadi wa bone o nna fela a le mo sediding sa nnotagi.


“Batsadi le tshwanetse go direla bana ba lona tse di molemo, ka gore bana ba gompieno ba kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng e bile tse di thata bogolo jang ka lefatshe le tlhabologile,le tse di sa diragaleng mo gae bana ba kgona go di ithuta ka tsa maranyane”, ga bua Dr Selepeng.


Fa a ama baithuti ka lefoko o ba boleletse fa thuto e le mosola thata mo isagong ya bone, ka ba anywa dikitso dingwe tse di ka ba thusang go lebagana le dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone tse di farologanyeng mo matshelong a bone le go ba thusa go fitlhelela ditoro tsa bone.


Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo seo, Rre Noah Kebafitlhetse, o ne a kgala a sa kgwe mathe batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana ba bone.


A supa fa ba na le bana ba le babedi ba ba kwadileng ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa ba le baimana.


“Gantsi bana ba ba imang ba le babotlana ke ba ba nnang ba le nosi, ka gore bana ba malatsi a gompieno ba fetogile ditlhogo tsa malwapa selo se se tshwenyang fela thata”, ga bua Kebafitlhetse.


Mogokgo o ne a supa fa ba na le baithuti ba lekwalo la bosupa ba le masome a matlhano le boferabobedi fa ba simolola mme ba feletse ba na le ba le masome a matlhano le borataro ka gore bangwe ba ne ba tswa mo sekoleng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Moletlong wa kabo dietsele

Date : 03 Nov 2016