Makgalemele o akgolela banni mowa wa boipelego
03 Nov 2016
Mowa wa go ipelega o botlhokwa mo go lereng ditlhabololo mo magaeng.
Mafoko a, a builwe ke mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Dikgang Makgalemele, kwa moletlong wa pulo ya diofisi tsa kgotla ya Bokaa kwa Mahalapye bosheng.
Rre Makgalemele, yo gape e leng mopalamente wa Shoshong, o ne a akgolela dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgotlana tsa Bokaa, Xhosa 2 le Mowana go bo ba agile diofisi tsa kgotla. A re puso e ka se dire ditlhabololo tsotlhe e le nosi ka jalo tse dingwe di tlhoka gore Batswana ba ikemele ka dinao.
Rre Makgalemele a re kgotla ke lefelo le le botlhokwa la ditlhabololo e bile pulo semmuso e e tsile ka nako e e maleba puso e setse e le mo maikaelelong a go tsholetsa serodumo sa kgotla, e bile e fetisitse melao e mebedi mo maitekong ao.
A re dikago tse di faphegileng di botlhokwa ko kgotleng ka e le lefelo la motheo wa dipuisano le go tseelwang ditshweetso tse ditona mo go lone.
Rre Makgalemele o ne a tshwaela fa mmuso o tshwenngwa ke go bo dikago di sa tlhokomelesege ka jalo a ba gakolola go dira lenaneo la paakanyo ya kago le le tlaa salwang morago gore kago eo e nne e le mo maemong a a kgatlhisang.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo wa kgotla eo, Rre Orelebile Baatweng a re ba ne ba tsaya tshwetso ya go ikagela diofisi morago ga gore kopo ya bone ko pusong e seka ya atlega ka ntlha ya letlhoko la madi.
Rre Baatweng a re ba ne ba tla ka ditselana tse di farologanyeng tsa go ikgobokanyetsa madi, mme ba kgobokanya madi a a ka tshwarang dikete tse di masome a mararo a dipula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : MAHALAPYE
Event : pulo semmuso ya diofisi
Date : 03 Nov 2016






