Mouwane o ja mofufutso wa phatla
02 Nov 2016
Rre Ofentse Mouwane wa kgwebo ya moriri ya Homex Hair Salon mo toropong ya Lobatse, o ija dithata morago ga dingwga a ntse a boloka madi a dikatso tsa gagwe.
O tlhaloseditse lekalana la BOPA mo potsolotsong bosheng gore o ne a boloka madi a a ka tshwarang P1 500 ka kgwedi go tswa mo dikatsong tsa gagwe a sa ntse a berekela mo dikgwebong tse di farologanyeng tsa moriri go tloga ka 2012, mme ya re ka ngwaga wa 2014 a mo thusa go simolodisa kgwebo ya gagwe ya moriri.
Lekawana le le tlholegileng mo Lobatse dingwaga tse di masome a mararo le bobedi tse di fetileng, la re le dirisitse madi a a ka tshwarang P17 000 go tswa mo letloleng la gagwe, go reka didirisiwa tse di tlhokegang mo kgwebong ya gagwe.
A re o sale a nna le lorato lwa go dira moriri a sale mmotlana, mme a ya go dira dithuto tsa moriri kwa Madirelo Training Centre gore a anywe botsipa le maele a go tsamaisa kgwebo ya mofuta o.
O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e le mo seemong se se itumedisang fa a e tshwantshanya le tse e di fitlhelang ka e kgona go mo fa dipoelo tse di ka tshwarang P10 000 ka kgwedi.
O tsweletse a tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e na le babereki ba le barataro.
Rre Mouwane o tlhalositse fa a sena nako ya go kgwa setshwe, ka bareki ba tla ka mmetela.
A re o lemogile fa botho, lorato, bopelotelele le go rekegela ditshwanelo tsa bareki di oka bareki e bile di godisa kgwebo.
O tsweletse ka go tlhalosa fa a bereka le batho ba ba farologanyeng jaaka bana ba dikole, badirelapuso le ba bangwe.
A re o motlotlo go bo a kgona go baakanya le mmatoropo wa Lobatse magareng ga ba bangwe ba ba tshwereng serodumo mo lefatshing leno.
Rre Mouwane a re o na le dikgwetlho, mme e e mo tshwenyang thata e le ya bonnye jwa lefelo, ka a tshaba go babalelwa ke madi a mantsi a phiriso ya lefelo le letona.
A re o tsile go leka ka bojotlhe go kopa dithuso tsa madi kwa go ba lephata la banana, ka a eletsa go atolosa kgwebo ya gagwe.
Rre Mouwane o rotloetsa banana go boloka madi gore ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone segolo bogolo jang fa ba batla go bula dikgwebo tse di ka tswelelang sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Randy Kgosinkwe
Location : LOBATSE
Event : potsolotso
Date : 02 Nov 2016






