Breaking News

Ntebele ke go lebele o botlhokwa

02 Nov 2016

Setlhopha sa ntebele ke go lebele sa kgotlana ya Makakatlela mo Mochudi se iteetswe legofi ke bagolwane ba motse mo bokopanog jwa bone ka mafelo a beke.


Setlhopha se se nang le ngwaga se tlhamilwe go tlhalositswe fa se fetotse seemo sa ntebele ke go lebele e bile se tsisitse serodumo se sesha le go sega seelo se se kwa godimo.


E rile a ema morafe ka lefoko, mosimolodi wa setlhopha se, Rre Michael Moji a tlhalosa fa ba tlhamile komiti ya ntebele ke go lebele morago ga go itemogela go thubiwa ga matlo ka dipalo tse di kwa godimo le borukutlhi jo bontsi mo kgaolong ya bone jo bo neng bo dirwa ke banana.


A re ba ne ba ipopa setlhopha ba bereka bosigo le motshegare, a supa fa tirisano ya bone e le kwa godimo, e bile ba sa ipone tsapa ka gope a tlatsa ka gore o nametswa gape ke go bona le bagodi ba tikologo ba tshwaragane thata le bone.


Rre Moji o ne a tswelela ka go akgola seabe sa sepodisi a re ba ba eme nokeng thata mme a supa fa ba itshwaragantse le banaleseabe ba bangwe ba kgaolo a re ba na le morero le bone selo se a kaileng se tlhofofatsa tiro le maikaelelo a bone.


O ne a re go ya pele ba ikemiseditse go tsena mo dikoleng go ruta baithuti ka manokonoko a borukutlhi, a tlatsa ka gore ba eletsa go godisa serodumo sa ntebele ke go lebele lefatshe ka bophara.


Moemedi go tswa ofising ya ga molaodi Mme Maitumelo Maemo o ne a akgola ntebele ke go lebele ya Makakatlela a re e fetotse seemo sa kgaolo, a kaya fa kgaolo eo e babalesegile dinako tsotlhe.


A re mekgatlho e tshwana o e na le seabe se segolo thata mo motseng ka kakaretso, a tlhalosa fa sepodisi sa Kgatleng se ne sa tsaya maemo a bobedi lefatshe ka bophara mo go lwantsheng borukutlhi mme a re seo se ka tswelela ka go diragala fela fa morafe otlhe o ka tia moko go tlhama le go tsweledisa dikomiti tsa ntebele ke go lebele go thusa ba sepodisi, a re seo gape se ka godisa leina la motse ka kakaretso.


 O ne gape a re go botlhokwa gore batsadi ba rute bana ba bone ba sale ba botlana, a re ba fiwe tlhokomelo gore ba seka ba tswa mo tseleng a tlatsa ka gore batsadi e nne dikao bana ba ithute mo go bone.


Fa a tswa la gagwe, mogolwane  wa mapodisi mo  Mochudi, Superintendent Olebile Sitale o ne a rotloetsa banni go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang a re  go botlhokwa go itse botsipa jwa go lwantsha borukutlhi.


 Superintendent Sitale o ne a re banni ba tshwanetse ba dire gore go nne thata gore dirukutlhi di tlhasele a re seo se ka dirwa ka go disa kgaolo mme a re go botlhokwa gape go itse fa go amega ga motho a le mongwe mo borukutlhing go ama batho botlhe.
O ne a re banni gape ba tshwanetse go ntsha dirukutlhi a re seo se dirwa ka go babalela sepe sa boleng mo matlong.


 O kaile fa go ntsha dilo tse di okang dirukutlhi go sa ntse go saletse kwa morago mme a re go botlhokwa gore fa batho ba seyo kgotsa ba tsaya maeto  ba bo ba kopela dithoto tsa boleng mo baagisanyeng.


Sitale o ne gape a re go bega sepe se se belaetsang mo go ba sepodisi kgotsa mo setlhopheng sa ntebela ke go lebele ke tsela nngwe ya go lwantsha borukutlhi.


 Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, o ne a tlhalosa fa lelwapa e le lone motheo wa motho,  mme a re batsadi ga ba a tshwanela go ikgatholosa maikarabelo a bone a go tsenya bana mo tseleng.


O ne a supa matshwenyego a re go utlwisa botlhoko go bona bana ba saila mo mebileng masigo a re o ipotsa gore batsadi ba a bo ba re bana ba kae, a re seo ke go supa go tlhoka boikarabelo ga batsadi mo matshelong a bana ba bone.


Rre Morolong o ne gape a re bangwe ba batsadi ba na le mokgwa wa go  ganetsa fa  bana ba bone ba dirile melato, a re go dira jalo ke go rotloetsa ngwana go tswelela ka ditiro tse di sa siamang.


 O ne a re batsadi ba tshwanetse ba ikopanya le banaleseabe ba bangwe ba ba amegang mo kgodisong ya bana ba bone a re seo se ka dira gore ba itse tse bana ba di dirang fa ba se mo lapeng.


Rre Morolong o ne a fetsa ke go lebogela maiteko a setlhopha sa ntebele ke go lebele, a re ke selo se sentle go bona morafe o ikopantse mme a re o eletsa gore setlhopha se se tsamae se arogane botsipa jo ba  nang najo le ditlhopha tse dingwe mo Kgatleng ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : Kesego Ngwai

Event : BOKOPANO

Date : 02 Nov 2016